Balemi-barui ba MORAPA ba kopa sediba
22 Oct 2023
Ba MORAPA Farmers Committee kwa Serowe Bokone ba re ba fekeetswa ke lenyora mme ba kopa go epelwa sediba.
Komiti e, e akaretsa ba masimo a Motolo, Rancheng le Palamaokue ba re ba bolawa ke lenyora mo ba felelang ba a nwa metsi a a leswe a letamo la Rancheng.
Modulasetilo wa komiti, Rre Tebogo Orelatlhile o supule mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamante wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe kwa masimong a Motolo bosheng, gore nako tse dingwe ba gelela metsi kwa Serowe mme go a ba turela.
O supile fa ba kile ba solofediwa go epelwa sediba mme morago pego ya nna gore madi a dirile ditsela kwa Serowe.
Rre Orelatlhile a re ba ipotsa gore ke ba ga mang ka lenyora le felela le ba tlogedisa masimo le leruo la bone go tshabela kwa Serowe.
O kopile mopalamente go ba thusa ka didirisiwa tsa kago, go aga ntlwana ya boitiketso kwa kgotleng.
Rre Mathooothe, o solofeditse fa a tlaa thusa ka didirisiwa tsa kago gore ba age ntlwana ya boitiketso, a bo a supa fa a itse ka lenyora le ba mo go lo ne, le gore metsi a ba a a nwang a sa siamela botsogo.
Mopalamente a re ga a itumedisiwa ke go tlosolodisiwang ga go katololwa ga letamo la Motolo, a re re o itse gore ntleng le metsi, batho ga ba kake ba kgona go nna le diruiwa tsa bone.
Rre Mathoothe a re o mongwe mogopolo ke go katolola letamo go bo go tsenngwa ditlhapi, e le tsela nngwe ya bojanala gore banana ba kgone go oba letsogo.
A re tsela ya Mabeleapudi e tla baakanngwa fa e senyegileng teng mme ebile mong wa konteraka a simolotse tiro e bile go itumedisa gore e dirwa ke bana ba Batswana kwa Serowe.
Rre Mathoothe a re ofisi ya gagwe e itlamile go isa banana ba le babedi kwa Ramatlabama, go ya go ithuta kgwediso ka seatla mme a ba kopa gore ba reke meroto ya dikgomo go re ba tle ba nne le dikgomo tsa boleng jo bo kwa godimo e bile di kgatlhisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Oct 2023