Puso e itlama go godisa dikgwebo tsa Batswana
19 Oct 2023
Puso e itlamile go godisa dikgwebo tsa Batswana le go tla ka methale e e ka thusang bagwebi ba ba thuthugang. Maikaelelo ke go fokotsa lehuma le gore bagwebi ba ipele ka go jesa Batswana dijo tse di tswang mo gae.
Se se builwe ke mokwaledi mogolo wa lephata la dikgwebo Rre Kabelo Ebineng fa a buisa maloko a Ntlo ya Dikgosi ka Labobedi.
O tlhalositse fa lephata le ikaelela go tswa ka maele a godisa dikgwebo tsa mo gae gore di kgone go oketsa khiro mo Botswana.
O kaile fa ba tla a itebaganya le melawana ya go nyeletsa lehuma, go rotloetsa dikgwebo tse di fatlhogang le kgodiso ya dikoporase.
Rre Ebineng o kaile fa lephata le na le makalana a le mmalwa, jaaka la Botswana Meat Commission (BMC), Botswana Agricultural Marketing Board, dikoporase, Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) le la Local Enterprise Authority le le gakololang beng ba dikgwebo.
Mokwaledi mogolo o ne a supa bagolwane ba makalana a, ba le bone ba neng ba tlhalosetsa dikgosi ka makalana a bone.
Fa a ba kgwa kgaba Kgosi ya Nokaneng Kgosi Kebonyetsala Fish a supa fa gangwe le gape barui ba bona dituelo morago ga nako mme se se tshwenya ka gore ba tsenya bana dikole ka dituelo tse fa bangwe ba itshetsa ka tsone.
Kgosi ya Moshupa, Kgosi Oscar Mosielele o boletse fa a sa jeswe diwelang ke gore gangwe le gape makalana a lephata le, ga a itshupe mo ditirong tsa morafe kwa magaeng.
“Go botlhokwa gore thuto ya makalana a, setshaba se itse gore a dirang,” a tlhalosa.
Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso o kaile fa a tshwentswe ke ka fa Batswana ba rekisang lefatshe ka teng a supa go re gantsi lefatshe le le neelwa batswakwa ba ba dirang dikgwebo mo go lone.
Ka jalo o ne a kopa makalana a go thusa go rarabolola kgang e.
Mogolwane wa BMC Rre David Tsheboeng a re le fa ba santse ba na le dikgwetlho, ba bone madi, mme ba simolotse go duela beke e e fitileng ka jalo barui botlhe ba tla duelwa.
Mogolwane wa CEDA Rre Thabo Thamane o tlhalositse fa CEDA e dira sentle ka e setse e kgonne go adima Batswana madi a a kanang ka P7.3 billion go simolola dikgwebo.
Le fa gontse jalo o kaile fa a sa jeswe diwelang ke gore dikgosi ga di bonale kwa di ofising tsa CEDA go batla madi a go simolola dikgwebo a kaya fa CEDA e neela motswana mongwe le mongwe madi.
Mo go tse dingwe dikgosi di ne tsa kopa gore puso e gagamatse molao ka ba lemogile fa tiriso ya diritibatsi mo bananeng e golela pele.
Ba kopile puso gore e fefose lenaneo la go baa dintsa tse di rutetsweng go dupa diritibatsi mo melelwaneng yotlhe ya Botswana.
Mme Pearl Ramokoka wa lephata la Drug Enforcement Agency o ne a baa pele magosi maikaelelo a lekalana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Wren
Location : GABORONE
Event : Ntlo ya Dikgosi
Date : 19 Oct 2023