Breaking News

Itshidilo mmele e hema malwetse

19 Oct 2023

Sesole se tsaya dikgang tsa botsogo ka tlhwaafalo ka jalo se netefatsa gore masole a itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong ka e le basireletsi ba setshaba.   

Commander Brigadier Collen Maruping o buile se bosheng fa a amogela ba-tsena mogwanto  o o neng o rulagantswe ke ba Lephata la Botsogo kwa kampeng ya Thebephatshwa.

A re ke ka jalo e reng masole a hirwa a tlhatlhobiwe pele, mme itshidilo mmele e bo e nna bontlha bongwe jwa tiro ya bone.

Mogwanto o o simologile kwa Ditshegwane ka Mosupologo, mme o tla felela kwa Molepolole ka Matlhatso.

Brig. Maruping o supile fa go itshidila mmele ga masole go sa akaretse bakapelo le bana ba bone, mme go le botlhokwa go ba rotloetsa go itshidila mebele.

Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi, mogolwane kwa kokelong ya Letlhakeng Dr Chawangwa Letsholathebe, o ne a tlhalosa fa ba World Health Organisation ba lemogile gore batho ba nyelela ka ntlha ya malwetse a a sa tshelanweng, ka jalo ba rotloeditse mafatshe go ruta batho ba one ka malwetse a, le go ba rotloetsa go a kganela ka go itshidila mmele le go ja sentle.

Dr Letsholathebe o ne a supa gape fa ba ruta batho go re ba itlhokomele jang fa ba setse ba na le malwetse ao.

O tlhalositse fa Lephata la Botsogo le tshwentswe ke malwetse, ka jalo a rotloetsa setshaba go itlhatlhobela makoa a a farologanyeng, ba tlogele go goga motsoko, ba bo ba fokotse le gone go nwa bojalwa phetelela.

Mogwanti mogolo Rre Stanley Monageng yo o dingwaga di masome a supa le borataro, o ne a tlhalosa fa a na le dingwaga di le masome a mabedi le boraro a tshela ka mogare wa HIV/AIDS.

Rre Monageng o ne a tlhalosa gape fa a tshela ka bolwetse jwa madi a matona, a supa fa a kile a lwala thata mo a neng a kukiwa, mme ga nna letsatsi le a neng a ntshiwa mo dikobong tse di molelo ke ngwana yo monnye yo a neng a setse le ene, a mo kopa go ya semausung le ene.

A re ntswa ngwana a ne a sa tlhaloganye gore o lwala go le kae, o ne a tshwanelwa ke go iteka a emelela, mme ya bo e le fa a simolotse go tsamaya.

O tlhalositse fa a ne a a simolola go dikologa mo lwapeng go sidila mmele.

A re o ne a bolela phatlalatsa seemo sa gagwe ka nako e kgethololo e neng e le ntsi thata mo bathong.

Rre Monageng o supile fa a ne simolola go gwanta ka a ne a bona go mmerekela, mme ba botsogo  ba mo dirisa go ruta Batswana ka botlhokwa jwa go itshidila le go thibela malwetse a a sa tshelanweng.  

O ne a tlhalosa gore fa motho a lwala o ka ikalafa ka go itshidila, go ja dijo tse di nang le merogo, go fokotsa letswai le mahura mo dijong.

O ne a kopa masole go thusa go gasa molaetsa le botlhokwa jwa go  itshidila mmele.

Mogolwane go tswa kwa Lephateng la Botsogo Dr Tshepo Machacha o ne a tlhalosa fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, a kopile Batswana go fetola ka fa ba akanyang le go dira dilo ka teng.

Dr Machacha o ne a tlhalosa fa malwetse a a sa tshelanweng jaaka a pelo le diphilo a nyeletsa setshaba, a bo a tlhalosa fa e le ba Lephata la Botsogo ba emisitse go ruta fela, mme ba tsere kgato go etelela morafe ka go supa ka ditiro, jaaka ba simolotse mogwanto.

O ne a kopa Batswana go itshidila mebele, le go tlogela go ja sukiri e ntsi.

Dr Machacha o tlhalositse fa go lwantsha malwetse a a sa tshelanweng go turela puso fela thata, mme a rotloetsa Batswana go thibela malwetse a, ka go reetsa ditaelo tsa bongaka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : THEBEPHATSHWA

Event : ba-tsena mogwanto

Date : 19 Oct 2023