Breaking News

Borre ba rotloediwa go ikgapha

19 Oct 2023

Borre ba gakolotswe go ikgapha mo go tlhakaneleng dikobo le basetsanyana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi ka seo e le go ba senyetsa isago.

Moruti Motshegetsi Phenyo wa kereke ya Word Power Apostolic House o ntshitse kgakololo kwa thuto se-ka-dipuisanyong e e neng e rulagantswe ke mapodisi a Tsabong mo setlhogong se se reng Borre Kgatlhanong le Tlhakanelo Dikobo ya Basetsanayana ba ba Kwa Tlase ga Dingwaga.  

Go bolelwa fa kgaolwana ya Tsabong ya sepodisi e e akaretsang metse e supa e gatisitse melato ya tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi  e le 67 go simolola ngwaga o o fetileng go fitlha gompieno.

Moruti Phenyo o gakolotse borre go inaakanya le kereke ka poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale  le gone go tswa mo dikeletsong tsa senama.

O ne a kgala thata borre bangwe ba ba tsweletseng ka go gogobisa seriti sa borre mo seretseng ka go palelwa ke go laola maikutlo, a supa fa seo e le go tlhoka boikarabelo.

Moruti o ne a kopa borre go godisa bana ba basimane ka fa go tshwanetseng ka teng ka go itsalanya le bone a kgothatsa bomme go buisanya le go kgalemela bana ba basetsana ka dinako tsotlhe ka seo se ka ba thusa go fapoga tse di ka ba bakelang mathata.

Modulasetilo wa mokgatlho wa borre kwa kgaolong ya Tsabong Rre Kaone Mantswe o ne a bua a menne phatla ka borre bangwe ba ba ithontshang boikarabelo jwa bone mo kgodisong le tshireletsego ya bana mme ba iphetotse ditau tse di ba kometsang.

Rre Mantswe a re e le ba Men Sector ga ba beye sebete boitshwaro jo bo sa amogelesegeng jwa go tlhakanela dikobo le bana, selo se a supileng fa ba tlaa se emela ka dinao go re badira molato ba tseelwe dikgato tse di gagametseng.

O ne a ne a supa fa ba tlaa tswelela ka go rera thero ya ‘E Seng Mo Ngwaneng’ mo kgaolong eo.

O kopile borre go boela kwa marakanelong a ditsela, go itshekatsheka go bona fa ba fapogileng teng mme ba baakanye diphoso le mekgwa e e maswe.

Fa a tlhalosa maikalelo a letsatsi leo Assistant Superintendent  Monnathebe Mphela o ne a tlhalosa fa e le go buisanya, go abelana dikitso le maele e le borre go ikgapha mo dikgannyeng tse di maswe tse di amang borre, le go tswa ka ditharabololo.

O ne a supa fa nako e gorogile ya go fetola dikakanyo, boitshwaro jo bo ka ba tsenyang mo mathateng.

Assistant Superintendent Mphela a kopile borre go ema kgatlhanong le tlhakanelo dikobo le basetsanyana, a rotloetsa gore  bana ba gole go fitlhelela ba tsena mo seemong sa go tlhakanela dikobo ba setse ba na le boirakarabelo jwa go aga malwapa a bone ka nako e e tshwanetseng.

Mogolwane go tswa Khanseleng ya Tsabong mo lekalaneng la boipelego Rre Kgakgamatso Ditshego,  o boletse fa ba itebagantse le dikgang tse di amang  bana, ba di tshwaraganetse le barutabana le  mapodisi go fitlha di goroga kwa ga Mmakaseterata di akaretsa tsa borukutlhi le tse di amang manyalo mo go tse dingwe.

O boletse fa dikgang tsa bana tse di farologanyeng di gorogile mo ofising ya bone di le 114 mme ebile di setse di le kwa dikgotleng fa tse 15 di gatisitswe ka Lwetse.

Rre Ditshego o boletse fa kgodiso ya ngwana wa mosimane go tswa bogologolong e ne e le pharologanyo fa e tshwantshanngwa le ya mosetsanyana yo a neng  a godisiwa ka tlhokomelo e e kwa godimo ke bomme.

Ka jalo o ne a rotloetsa borre go nna gaufi le bana ka go ba neela dikgakololo tse di maleba ka seo se ka ba thusa go gola ba na le boikarabelo.

A re ba ka ba ruta go tsaya ditshwetso tse di maleba le go fa lorato.

Rre Ditshego o ne a tlatsa ka go supa fa dingwe tsa dikgwetlho tse bana ba basimane ba kopanang le tsone e le go itlhokomolosiwa ke batsadi, go ikgapela botshelo fa ba na le kgatelelo ya maikutlo ka jalo a kgothatsa borre go itsalanya le bana.

 A tlatsa ka gore ba ka kgona go phuthologa go ntsha maikutlo a bone le tsotlhe tse di ba tshwenyang mme ba ikgape mo go tse di duleng mo tseleng.

Morutabana wa Tsabong Unified Secondary School Rre Noboss Chivaura yo o itebagantseng le tshidilo maikutlo o ne a supa fa baithuti bangwe ba sekole seo ba amega mo dikgangnyeng tse dintsi tsa tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.

Rre Chivaura a re dingwe tse di bakang tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba dingwaga tse di kwa tlase di akaretsa tumelo tsa ngwao ka ngwana a kgona go beelediwa, letlhoko la mo lwapeng, go tlhoka kitso, le tiriso botlhatswa ya nnotagi.

O ne a tlatsa ka go rotloetsa batsadi go ema ka dinao mme ba tseye boikarabelo le go nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone, a ba rotloetsa go itshwaraganya le barutabana.

O ne a gakolola borre go itlotla ka go sireletsa bana ka nako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : thuto se-ka-dipuisanyong

Date : 19 Oct 2023