Breaking News

Magosi a Kanye ba inaakantse le maranyane

19 Oct 2023

Banni le magosi a Kanye ba akgotse lenaneo la ga Tautona la go atolosa maranyane mo metseng ka go farologana.

Dibui ka go farologana di supile fa maranyane a tsile go ba direla dilo motlhofo e bile a tsile go ba thusa go somarela madi ga mmogo le ditlamelo.

Fa ba bua ka nako ya go ipelela lenaneo la Smaborts, magosi ka go farologana ba supile fa le bone ba gatetse pele mo go tsa maranyane, ba supa fa ba setse ba simolotse go a dirisa mo kgotleng.

Moemela kgosi yo mogolwane, Kgosi Kwelagobe Mookodi o supile fa lenaneo le tsile go ba tswela mosola thata ka gore jaanong le diphuthego ba simolotse go di tshwara ka maranyane, a a fa sekai ka go re o sa tswa go nna le phuthego le Kgosi Mosojane a le kwa Tswapong ene a le mo Kanye.

Kgosi o ne a supa fa le ditsheko tse ditona ba kgona go di tshwara ka maranyane, a bolela fa ba sa tlhole ba atlholela mo lefifing mme ba thusiwa ke maranyane go tsaya ditshwetso tse di maleba.

Kgosansa wa Pitsaneng, Kgosi Sebati Diane o lebogetse lenaneno la ga Tautona, a supa fa le ba kgaotse maoto ka bontsi.

A re ba dira sengwe le sengwe fela go le motlhofo le ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase.

A re lenaneo le le tlaa thusa go somarela madi a leokwane le mosepele, e bile le tlaa thusa le gone go hema dikotsi tsa ditsela ka ba tlaa seke ba tlhole ba nna le mesepele e mentsi.

Kgosi Diane o ne a gakolola gore diphuthego di tshwana le tsa kgotla le tsone di ka simolola go lalediwa ka maranyane ka gore go lebega gantsi morafe o sa tle diphuthegong go bonala ba ne ba sa bona taletso.

Kgosi Seate Marumo wa Moshana ene o tshwantshitse maranyane le pula ya Dineo a re ke madira dintle le madira dimaswe.

A re maranyane a tsile go fetola matshelo a batho ka bontsi, a tlhalosa fa a tsile go ba tsenya dikole le bana ba bone e bile a tsile go ba atumeletsa ditlamelo tse di ntseng di le kgakala.

A re gape a tsile go okeletsa  magosi tiro ka gore bangwe ga ba a dirise sentle.

A re ke nako ya gore batho ba fetole boitshwaro le ka fa ba ntseng ba dirisa maranyane ka teng.

O kopile batsadi gore ba seka ba itumelela tse dintle fela, ba tsenye kgalemo ba bo ba nne ba leba gore bana ba dirisa maranyane jang.

Kgosi Marumo a re fa batsadi ba ka itlhokomolosa ka fa bana ba dirisang maranyane ka teng, a ka nna diphatsa mo baneng, bogolo jang mo go tsa ditagi le go utswiwa ga batho, a supa fa le ngwao e ka re latlhegela ka gore bana ba ka kopa mekgwa ya ba mafatshe a mangwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : KANYE

Event : phuthego

Date : 19 Oct 2023