Ba Tati Bophirima ba atla SmartBots
19 Oct 2023
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima jaaka Batswana botlhe lefatshe ka bophara, ba ne ba phuthaganetse kwa kgotleng ya Zwenshambe go amogela ka tlhamalalo molaetsa tebang le go anamisiwa ga kgokaganyo ya metse ka maranyane a SmartBots.
Tiro eo ya go ribolola semmuso maranyane a SmartBots, e ne e dirwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa Maun kgwedi eno e le lesome le boferabobedi.
Mo potsolotsong le BOPA, bangwe baagi ba ne ba supa boitumelo tebang le maranyane ao a Internet, ba re ke kgatelopele e kgolo e lefatshe leno le nnileng le yone, bogolo jang ka badirisi ba one ba a dirisa mahala.
Rre Balisi Tlhogo wa Botalaote a re o bona maranyane ao a tlaa nna le maduo, ka a tlaa thusa go fokoletsa batho ditshenyegelo le gone go ba kgaolela mesepele ya go ya go dira dingwe tse di tlhokang tiriso ya maranyane kwa mafelong a sele.
Mme Banabotlhe Masala, yo e leng leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Zwenshambe le ene fela jalo, o ne a atla maranyane a SmartBots go menagane, a re a tlaa fa banana sebaka sa go fitlhelela dingwe di tshwana le ipapatso ya ditiro ba le mo gae, ntle le go tsaya mesepele.
Fa a latlhela la gagwe, Rre Fibion Mphinyane wa Jackalas No.1 a re le ntswa go lebega maranyane ao a ka ntsha maduo a a bonalang, fela go botlhokwa gore tiriso ya one e tlhongwe leitlho.
Rre Mphinyane a re o na le poifo ya gore ka jaana mongwe le mongwe a kgona go tsena mo go one motlhofo, bangwe ba ka felela ba a dirisitse mo ditirong tse di fatlhang di tshwana le borukutlhi.
Fa a leboga, mokhanselara wa Zwenshambe, Rre Never Mabutho o ne a supa fa maranyane ao, a rurifatsa puso ya batho ka batho, e e renang mo lefatsheng leno.
Mokhanselara Mabutho a re fa go lebelelwa kwa morago go supa fa lefatshe leno le ya golo gongwe.
Le fa go ntse jalo, o ne a gwetlha batho go dirisa maranyane ka fa tshwanelong, a re ba a dirise go fitlhelela tse di ka ba solegelang molemo le ba malwapa a bone le go ikgolaganya le ba bangwe kwa mafelong a sele.
Mokhanselara Mabutho o ne a kgalema go dirisa maranyane ao go kgokgontsha le go kgoba bangwe ka mafoko.
A re seo se ka diga serodumo sa maranyane ao, a supa fa mashi a tswa thobeng a le phepa, mme selabe se tla le motsaya kgamelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : ZWENSHAMBE
Event : Potsolotso
Date : 19 Oct 2023