Modulasetilo o rotloetsa dikereke go fetola dikakanyo
17 Oct 2023
Dikereke ga di a tshwanela go itebaganya le go rera lefoko la Modimo fela, di tshwanelwa ke go tsenya letsogo mo mananeong a puso go fetola matshelo a Batswana.
Se se builwe ke Modulasetilo wa lekgotla la baruti Bishop Kesegofetse Mandelo ka letsatsi la go tswala kgwedi ya thapelo le le neng le tshwerwe kwa kgotleng ya Kagiso mo Selebi Phikwe ka Tshipi.
A re e le lekgotla la baruti, ba tsere maikarabelo a go nna le seabe mo mananeong a puso e a rotloetsang gore le bone ba supe fa ba kgathala ka go fetola matshelo a Batswana.
A re lekgotla le ikabetse go tlhokomela ngwana mongwe ka go mo duelela sekole sa bana ba bannye le go mo tlamela ka tsotlhe tse a di tlhokang.
Bishop Mandelo o rotloeditse baruti gore ba seka ba rera lefoko la Modimo fela mme ba rotloetse maloko go tswa mo lehumeng ka go tsaya mananeo a puso go fetola matshelo a bone.
Mo go tse dingwe o rotloeditse dikereke go tswelela di rapela kgatlhanong le kgokgontsho, dikotsi tsa dikoloi, mogare wa HIV ga mmogo le malwetse a a sa tshelanweng.
A re dikgang tse tsotlhe di ama baphuthegi, ka jalo a gatelela gore dikereke di rapele gore mathata a a aparetseng malapa a bepe.
Fa a tswa la gagwe, mogokaganyi wa ditirelo tsa HIV/AIDS mo toropong ya Selebi Phikwe Rre Shatiso Daki o rotloeditse dikereke go bopagana gore lentswe la kereke le utlwale.
A re le fa lefatshe leno le kgonne go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng le le iseng le belegwe, go santse go tshwenya gore dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare o mosha di be di tsweletse ka go gola.
A re jaaka ngwaga o ya bokhutlong, batho ba iphitlhela ba le mo monateng mo ba lebalang go iphemela mo malwetseng, bogolo jang jwa HIV/AIDS, a tlhalosa fa go tshwenya gore go be go santse go na le batho ba ba sa itseng seemo sa bone sa mogare wa HIV.
Rre Daki o lebogetse lekgotla la baruti le ba-na-le seabe ba bangwe go bo ba ne ba seka ba ipona tsapa go tsaya kgwedi yotlhe ba ntse ba rapela, a ba rotloetsa go tswelela ba rera lefoko la Modimo.
Kgosi Molosiwa Molosiwa wa kgotla ya Kagiso o rotloeditse batsadi go ruta bana go bopa maitsholo a bone, a re bogologolo setho se ne se le teng mo Batswaneng ka gore bana ba ne ba golela mo kerekeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : letsatsi la go tswala kgwedi ya thapelo
Date : 17 Oct 2023