Breaking News

Bomme ba kgothadiwa go inaakanya le kgwediso

17 Oct 2023

Bomme ba kgothaditswe go fetola seemo sa go kokonelwa ke manokonoko a itsholelo ka go inaakanya le temo-thuo.

Tona wa tsa pereko le selegae Mme Annah Mokgethi a re ditshekatsheko di supa fa bontsi jwa bomme ba aparetswe ke lehuma, ka jalo go le botlhokwa gore ba ikemele ka dinao go fetola seemo ka go ikamanya le mananeo a a farologanyeng a puso jaaka a a thusang balemi-barui.

A re e re ka dinako di fetogile bomme ba tshwanetse go emisa go goga dinao fa go tla mo mererong ya temo-thuo ka jaana e le yone e ba ka e dirisang go ijesa le go itlhamela ditiro.

Tona Mokgethi yo o reng o ikemiseditse go thusa go ntsha bomme ba kgaolo ya gagwe ya botlhophi ya Gaborone Bonnington Bokone mo lehumeng, o buile mo potsolotsong kwa Ramatlabama ka Mosupologo gore o tlaa abela barui ba kgaolo go akarediwa ba bomme meroto ya dipoo tse di tlhabolotsweng e a e rekileng kwa polaseng ya kgwediso ka seatla ya Ramatlabama.

Fa a bua morago ga bokopano jwa matona jo bo neng bo tshwaretswe kwa polaseng eo, Tona Mokgethi o supile fa go abela batlhophi ba gagwe segolo jang ba bomme peo eo ya dipoo go le botlhokwa ka jaana go tlaa ba rotloetsa go nna le seabe mo go tswakanyeng itsholelo le gone go tsaya karolo mo mhameng wa thuo.

E ne ya re morago ga bokopano joo, jo bo neng bo eteletswe pele ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi, ene le matona a gagwe ba nna le sebaka sa go reka meroto ya dipoo mme bontsi jwa bone ba supa fa ba ikaelela go ya go abela batlhophi ba bone gore le bone ba akole lenaneo leo.

Pele ga moo fa tautona le khuduthamaga ya gagwe ba ne ba tsamaisiwa le polase eo go bona le go tlhalosediwa ka ditirelo tsa yone, ba ne ba itlama go duelela barui go tswa dintlheng tse di farologanyeng tsa lefatshe leno go ya go tsenelela dithuto tsa kgwediso ka seatla, seo e le tsela ya go ba nonotsha mo thuong.

Mo maitekong a a tsweletseng ao a puso a go rutuntsha Batswana lefatshe ka bophara ka ditirelo tsa kgwediso ka seatla, go supafala fa bomme ba ise ba atle lenaneo leo ka dipalo tse di nametsang.

Mo setlhopheng sa barui ba ba mo dithutong tsa kgwediso ka seatla ba ba kwa polaseng ya Ramatlabama mo nakong eno, go na le bomme ba le barataro fela mo gare ga borre ba le masome a mane le bobedi.

Mongwe wa borataro joo Mme Nchidzi Ramonna yo a ruetseng kwa Tonota o supile fa a batla go nna sekao mo go bomme gore tiro ya thuo ga se ya borre fela.

Mme yoo wa dingwaga tse di fa gare a re maikaelelo a gagwe ke go nna mogwedisi wa maemo a ntlha, mme a bolela fa e tlaa re morago ga go aloga ba ikopanye e le bomme ba bone gore ba ka thusa jang barui mo dikgaolong tsa bone ka ditirelo tsa kgwediso ka seatla.

“Keletso ya rona re le bomme ke gore e re fa nako e ntse e tsamaya re kgone go ya go senka ditiro kwa mafatsheng a mangwe re ba thusa ka kgwediso ka seatla ka go supafala fa bontsi bo setse bo batla go reka peo ya dipoo tsa Botswana mme ba tlhoka gape le gone go thusiwa ka go gwedisediwa,” Mme Ramonna o ne a tlhalosa jalo.

Yo mongwe wa baithuti, Mme Tsholofelo Outlwile yo ene a ruetseng kwa Kgoro o tlhalositse fa ene a godisitswe ka dikgomo, selo se a kaileng fa e le sone modi wa lorato la gagwe la thuo.

O supile fa se se monate ka kgwediso ka seatla e le gore mongwe le mongwe o ka e kgona ka jaana e sa tlhokane le mashetla.

Fa a rotloetsa banana ka ene go tsena mo thuong, Mme Outlwile o kaile fa thuo e se ya bagolo fela mme gape e le ya mongwe le mongwe e seng bahumi fela, a re go botlhokwa gore motho a simolole ka bonnyennyane jo ene a ka bo kgonang.

Motlhatlhelela dithuto kwa polaseng eo ya Ramatlabama Rre Kagiso Mpipi a re keletso ke go bona bomme ba tsena dithuto tsa bone ka bontsi.

A re go supega fa ba tshwara ka bofefo mme gape se se nametsang e le gore ba dira tiro eo ka matsetseleko ka ebile e sa batle mashetla ape.

Rre Mpipi a re le fa gone dipalo tsa bomme ba ba tsenang dithuto kwa Ramatlabama di santse di le kwa tlase, dikai di teng tse di supang fa seemo seo se tlaa fetoga ka jaanong bomme ba simolotse go kgatlhegela dithuto tsa kgwediso ka seatla ka dipalo tse di fa godingwana.

A re go bo puso e tsweletse ka go tlotlomatsa polase eo ka go bua kgapetsakgapetsa le Batswana ka ditirelo tsa yone ke sengwe se se ngokelang batho go akaretsa bomme go ikwadisetsa go ya dithutong teng.

Rre Mpipi a re ba rotloetsa botlhe ba ba tseneng dithuto go ya go tsenya dikitso le matsipa a ba a amuleng mo tirisong go tokafatsa ka fa ba tsamaisang thuo ya bone ka teng le gone tota go itlhamela ditiro.

“Dithuto tse re di fang ga di botlhokwa fela mo baruing ka motho a ka itshetsa ka tsone le fa e se morui. Motho o ka itlhophela go nna mogwedisi mme a ipapatse mo baruing ba thota e e rileng a ba thuse ka ditirelo tsa kgwediso ka seatla,” o ne a tlhalosa jalo a supa fa kgwebo ya go nna jalo e ka solegela barui molemo ka ditsela tse di farologanyeng.

A re mo godimo ga go ba fokoletsa ditshenyegelo tsa go isa leruo kwa dipolaseng tsa kgwediso ka seatla, e ka ba fa gape le sebaka sa go gwedisa palo e ntsi ya dikgomo ka jaana kwa dipolaseng tsa kgwediso tsa seatla morui a ka isa fela dikgomo di le lesome.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : RAMATLABAMA

Event : POTSOLOTSO

Date : 17 Oct 2023