Breaking News

Banni ba Suping ba kopa gore magosi a okelediwe dithata

17 Oct 2023

Banni ba Suping mo kgaolong ya Molepolole Bokone ba re keletso ya bone ke gore magosi a okelediwe dithata ka seo se ka thusa go lwantsha borukuthi jo bo ba apesitseng kobo ka letshoba.

Ba re ba buisiwa se ke gore fa ba ikuela kwa magosing, dikgang tsa bone di tsaya lebaka go rarabololwa.

Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa bone, Rre Oabile Regoeng, jaaka a ne a ba lekodisa ka tse di buisantsweng kwa Palamenteng e e fetileng.

Ba tlhalositse fa go okeletsa magosi dithata go tlaa fefosa ka fa ba ntseng ba tsaya ditirelo ka teng mo motseng wa bone ka jaana dikgang di diega go rarabololwa kwa kgotleng kgolo ya ditsheko.

Mme Gaone Ngwako a re kgang e nngwe e e ba tshwenyang e le batsadi mo motseng ke gore bana ba tsamaya sekgala se seleele go ya sekoleng, ka jalo ba kopa mopalamente go ba buelela le ba ba maleba go ba agela sekole se sebotlana.

A re ba kopa se ka gore dipalo tsa bana ba ba dirisiwang botlhaswa di ile magoletsa mo kgaolong ya bone, selo se se setseng se senyetsa bana bokamoso.

O tlhalositse fa go le gantsi bana ba wela mo maganong la ditau ba tswa sekoleng.

Fa a tswa la gagwe, Rre Regoeng a re go araba selelo sa banni sa borukutlhi jo bo ba apesitseng kobo ka letshoba, puso e tsere tshwetso ya go aga diofisi tsa mapodisi mo Molepolole tse go solofelwang di tlaa bepisa seemo.

O ne a tlhalosa fa go agwa ga diofisi tse, e le tsela nngwe ya go tsibogela seemo sa borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo kgaolong.

A re puso e itlamile go atametsa ditirelo tsa botlhokwa kwa Batswaneng le ntswa go na le tlhaelo ya madi mo lenaneong la ditlhabololo tsa lefatshe.

Mopalamente o ne a supa fa ditshekatsheko di tsweletse go netefatsa gore ba kgona maitlamo a bone a go isa ditlamelo kwa setshabeng.

Rre Regoeng o ne gape a gakololola banni go ipopa go gogela motlakase mo kgaolong go itsa go turelwa.

“Motlakase o gorogile mo kgaolong, nnang seopo sengwe le thusaneng,” ga kgothatsa jalo Rre Regoeng.

A re keletso ya gagwe ke go tlhabolola leobo la kgotla le go tsenya terata ka e e teng e setse e onetse mme kgotla ke yone seipone sa morafe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : MOLEPOLOLE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 17 Oct 2023