Ikwadiseng kwa go tshwanetseng
17 Oct 2023
Banni ba Gumare ba gakolotswe go ikwadisetsa ditlhopho kwa go tshwanetseng teng ka go tlhoka go dira jalo e le tlolo molao.
Mokwaledi mogolo wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho (Independent Electoral Commission) Rre Jefferson Siamisang o buile jalo fa a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng.
Rre Siamisang o tlhalositse fa batlhophi ba tshwanetse go ikwadisetsa ditlhopho kwa matlhophelong a a gautshwane le mafelo a ba nnang mo go lone.
O supile fa ba ba tlolang molao oo ba ka atlholwa P5 000 kgotsa ba atlholelwa le toronko ya dingwaga tse pedi le go ntshiwa mo dipalong tsa batlhophi.
Rre Siamisang a re nako dingwe batlhophi ba okisiwa ka go fiwa dimpho go ya go tlhophela kwa matlhophelong a a kgakala le bone, selo se a reng le sone ke go tlola molao.
A re batho ba ba dirang jalo ba isa batlhophi kwa mafelong a a kgakala ba lebaganwe ke kotlhao ya P7 000 kgotsa le kgolegelo ya dingwaga tse pedi.
Rre Siamisang a re ikwadisetso ditlhopho ya botlhe e simolola Ngwanatsele a tlhola gangwe go fitlhelela a le masome mararo, mme a re tiro nngwe e e faphegileng morago ga yone ke tshekatsheko ya ikwadiso e e tsenngwang mo mokwalong e a reng ke konokono mo ditlhophong.
O gakolotse fa ikwadisetso ditlhopho e tlhoka boikarabelo ka fa e sa tsamaye sentle go baka kgotlhang magareng ga diphathi tsa sepolotiki ka botsone le lekgotla la ditlhopho.
Le fa go ntse jalo, Rre Siamisang o ne a re moalo wa ditlhopho o letla batlhophi go ka hudusa ikwadiso ya bone go ya mafelong a mangwe fa ba na le mabaka a a tiileng.
Fa a afa malebo, mothusa modulasetilo wa khansele ya Okavango, Rre Mpoke Karapo o ne a gakolola banni go tsaya ditlhopho ka tlhoafalo.
Rre Karapo o ne gape a gwetlha lekgotla le le tsamaisang ditlhopho go dira tiro ya lone ka boammaaruri. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : GUMARE
Event : phuthego
Date : 17 Oct 2023