Breaking News

Bagolo ba atla tiriso ya maranyane

16 Oct 2023

Jaaka Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a tlaa bo a simolodisa semmuso kanamo ya tiriso ya maranyane, bagolo bangwe ba lefatshe leno ba eme sentle gore le bone ba seka ba salela kwa morago go akola maduo a tiriso ya one.

Le mororo tiriso maranyane e se bonolo mo bathong ba dingwaga tsa bone, bagolo ba, ba re se se botlhokwa ke gore mongwe le mongwe wa bone a ikiteye ka thupana go re a tle a gatele gongwe le Batswana ba bangwe.

Mo potsolotsong kwa Digawana ka Matlhatso, Rre Paul Setuke, a re lenaneo la go isa maranyane kwa metseng le le tlaa simolodisiwang semmuso kwa Maun ka Laboraro ke kgato e ntle e e tshwanetseng ya akaretsa botlhe.

A re bagodi fela jaaka motho mongwe le mongwe ba tshwanetse ba sologelwa molemo ke tiriso ya maranyane mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi.

Rre Setuke a re bagodi ba tlhoka go nna le kitso ya tiriso ya maranyane e e akaretsang tsa botsogo, go amogela madi a bone a bogodi, le gone tota go reka dilo ba le mo malwapeng.

A re e re ka maranyane le tiriso a yone e le selo se se santseng se tlaa aga mo sikeng loo motho, ga go a tshwanela ga nna le ope yo o ikgogonang mo tirisong ya one.

Mogolo yo mongwe, Mme Lebogang Lesole a re ba ka sologelwa thata le bone, mme fela ba boifa magotswanyana a a nnang a bolelwa a a dirisang  mehuta e e farologaneng ya go tseela batho madi le go ba tsietsa.

Mme Lesole a re ba ka direlwa thuto ga e golelwe ya tiriso ya maranyane e tseneletseng, seo e le go ba nonotsha go tila borai bope jo bo ka tlisiwang ke tiriso maranyane.

O supile fa  a eletsa  gore motlha mongwe a bo a ka kgona go amogela ditirelo tsa botsogo a le mo lapeng a bua le ngaka ka maranyane.

A re o tlhobaela gore go baya fela mo tirisong ya maranyane go ka tla ka dibelebejane di tshwana le go latlhana ga batho ka ba ka felela ba latlhile ngwao ya go etelana ba tlholana.

“Rona kana tota re godile re tlholana ka go etelana, re bonana kwa marekisetsong, re kopana le fa re ile bongakeng,” a tlhalosa jalo, a supa fa ka tebo ya gagwe dilo tse di ka nna tsa nyelela fa tiriso maranyane e ntse e loelela mo setshabeng.

Mme le gale, fela jaaka Rre Setuke o eletsa gore tiriso ya maranyane ke bagolo e lekwe ka matsetseleko le kelelelo gore ba se salele morago,.

E ntse e le kwa Digawana, Rre Bosiela Adam yo ene a senang kgatlhego ebile a sa itse go dirisa maranyane a re borukutlhi jo bo dirwang ka maranyane ke sekgoreletsi se se tlaa tshabisang bangwe go ikamanya le maranyane.

“Magodu a maranyane gatwe ba go utswa le dithoto tsa gago ba bo ba ya go go rekisa kwa mafatsheng a sele,” a bua jalo ka ditlamorago tse di fatlhang leitlho ka tirison ya maranyane.

A re mo nakong ya gompieno batho ga ba sa tlhole ba nale mowa wa tirisanyo le lorato ka ntata ya maranyane, a a fa sekai ka bapalami ba dipalamo tsa setshaba a re o ka tsamaya le motho go tswa Kanye go ya Maun le fa ele madume a seyo go nwetswe mo megaleng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : KANYE

Event : Potsolotso

Date : 16 Oct 2023