Kgotlhang e kgoreletsa mananeo
16 Oct 2023
Go oketsega ga diphologolo tsa naga go bolelwa go tlhotlholetsa kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo.
Se se builwe ke ba-na-le seabe mo dikganyeng tsa kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo kwa thuto-puisanyong e e neng e tshwerwe ke ba lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Mahalapye bosheng.
Mogolwane wa lephata la diphologolo mo kgaolong ya legare Rre Phemelo Gadimang o tlhalositse fa maikaelelo a bokopano joo, e le go amogana megopolo le dikgakololo go fedisa kgotlhang ya batho le diphologolo.
O tlhalositse fa kgotlhang e, e tswa goo lowe, a re le batho ba setse ba oketsegile, ka jalo ba tseetse diphologolo mafulo.
Rre Gadimang a re kgotlhang e e busetsa mananeo a puso kwa morago, ka diphologolo di ja leruo la ba ba thusitsweng ka mananeo jaaka la nyeletso lehuma, fa tse di dingwe di senya kwa masimong.
O ne a gakolola ba-tsena phuthego gore diphologolo ke tsone bojanala, a tlatsa ka go re dikgaolo di tshwana ya Chobe di itshetsa ka jone.
Rre Gadimang a re lefatshe la Botswana le na le ditumalano le mafatshe a mangwe mabapi le tlhokomelo diphologolo, mme se se raya gore ditshwetso di ka se tsewe ntle le go buisana le one.
Mothusa mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha mo Mahalapye Rre Shakespear Mokubung o boletse fa ba ikopanya le bogogi jwa motse mo kabong ditsha tsa masimo go re ba thusane gore go ka bewa ntlha efe ya motse, e diphologolo di sa tsheleleng teng go itsa kgotlhang.
A re le fa ba aba didiba ba a bo lebile gore a diphologolo ga di yo mo lefelong leo, a re mme jaanong ka go leuba diphologolo di latela mafelo a batho di batla metsi.
Rre Mokubung o kopile batho gore ba seka ba ipaya mo mafudisong a diphologolo.
A re kgang ya kgotlhang e ke ya batho botlhe ka e ama botlhe, eseng balebeledi ba diphologolo le makalana a a amegang fela, ka jalo tshwaragano e botlhokwa go e lwantsha.
Mogolwane wa balemisi mo Mahalapye Rre Brian Mhaladi a re kgotlhang ya batho le diphologolo e bakwa ke gore batho ba a oketsega mme lefatshe lone ga le oketsege,ka jalo batho ba tsaya lefatshe la diphologolo.
A re se sengwe ke go rema dikgwa, mo go dirang gore diphologolo di phatlalale le go batla mafulo.
Rre Mhaladi o boletse fa balemi ga ntsi ba lema gaufi le fa metsi a leng teng mme diphologolo fa di le mo patlong ya metsi di felela di ba senyetsa.
O ne a fa dikai tsa diphologolo tse di senyang mo masimong e le, ditshwene, phokoje, ditholo le ditau magareng ga tse di dingwe.
Rre Mhaladi o tlhalositse go re fa molemi a lema o a bo a solofetse go boelwa mo go nametsang, mme tshenyo e isa thobo kwa tlase.
A re gape di ama ka fa balemi ba ka bong ba tlhokomela dijwalo ka teng, ba dirisa nako e ntsi ba lwantshana le diphologolo tse di ba senyetsang.
O supile fa go tlhoka dijo tse di lekaneng go felela go pateletsa puso gore e thuse batho ba ba senang dijo, mme go dirisiwe madi a mantsi bogolo jang ka dijo tsa teng di rekwa kwa ntle ga lefatshe, mo go isang itsholelo kwa tlase.
A re babereki ba kwa masimomg ba a fokotsega, se se oketsa letlhoko la ditiro.
O ne a ntsha mogopolo wa go re letsomo le okediwe, batho ba okeletswe palo e ba e tsomang ka se se ka leka go fokotsa dipalo, a tlatsa a re thuo ya diphologolo le yone e ka thusa ka di tla a bo di na le batlhokomedi.
Rre William Kelapile go tswa kwa lekalaneng la tsadiso le ntsihatso ya leruo kwa Mahalapye o rotloeditse barui go aga masaka a a siameng, gore diphologolo di se ka tsa kgona go tsena.
O gakolotse go re leruo le tlhatlhelwe bosigo ka ke yone nako e diphologolo tsa naga di a bong di bolotse go batla dijo.
Rre Kelapile o kopile gape gore go dirisiwe dipone bosigo e le tsela ya go di koba, a tlatsa ka gore go rua dintsa tse di disang leruo go ka thusa go koba diphologolo.
Barui ba kopilwe gore ba seka ba ja leruo le le suleng ba sa itse gore le bolailwe ke eng ka gore malwetse a diphologolo ga a alafesege motlhofo fa a tsene mo mothong.
Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye a re gongwe tharabololo ya kgotlhang e e ka nna go fokodiwa ga diphologolo ka palo, a re di ka fokodiwa ka tsela epe fela e e lebaneng, a tlatsa gore barui le balemi ba setse ba berekela tsone fela.
Kgosi Tshipe o boletse fa diphologolo di dira letseno le le ntsi mo itsholelong ya lefatshe la Botswana mme di tshwanetse gore di nne le kwa di nnang teng, le go dibelwa ka tsela tsotlhe gore batho ba kgone go tshela sentle le tsone go sena kgotlhang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : thuto-puisanyong
Date : 16 Oct 2023