Dimajwe o kopa go okelediwa dipalo tsa Ipelegeng
15 Oct 2023
Banni ba Dimajwe mo kgaolong ya Serowe Bophirima ba kaile ka fa lenaneo la Ipelegeng le ba tswela mosola thata ka ele lone le tlhamang mebereko le mororo dipalo di le kwa tlase.
Ba buile se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Mopalamemente wa Serowe bophirima, Rre Onalepelo Kedikilwe, yo o neng a ba lekodisa ka tse di buisantsweng kwa palamenteng ee fetileng.
Le fa go le jalo, banni ba kopile gore dipalo tsa Ipelegeng di okediwe mo motseng wa bone ka go sena ditiro dipe mme ba lebile mo Ipelegeng go ba tlhamela mebereko ya nakwana.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, mme Tshidiso Jane o boletse fa Ipelegeng e thapa batho ba le 226, mo motseng wa bone selekanyo sa dikgwedi tse tharo.
O tlhalositse fa banana ele bone ba leng bantsi mo Ipelegeng mme ba sa dire tiro ya teng ka lerato.
Mo go tsa ditlhabololo, Mme Jane o boletse fa seemo se se maswe sa tsela ya Mmashoro/Dimajwe le maranyane a a bokowa di itsa bagwebi go bula dikgwebo mo motseng wa bone.
Mme Jane o boletse gape fa letlhoko la metsi le diya ditiro dingwe tsa Ipelegeng, a tlatsa ka gore ba sielwa metsi ka koloi ee tsayang lobaka go ba tlisetsa metsi ka sediba sese mo motseng se kgotlelesegile.
Mo dikakgelong mongwe wa banni, Mme Gobotsang Mokgote a tlhalositse fa banana ba motse ba aperwe ke mathata, a re bontsi jwa bone ga bo bereke ka jalo ba ikantse Ipelegeng.
Rre Pitso Lame o tlhalositse fa batsadi ba sa kgatlhegele thuto ya bana ba bone mme ba ba baya kwa merakeng le dipolase go disa leruo.
A re go dira jalo go baka gore bana ba felele ba tsenwa ke mokgwa wa go utswa leruo jaaka go diragala mo nakong ya gompieno. E ne erile go pele Kgosi Kebadiretse Kebonemang a amogela morafe le mopalamente, a ntsha ngongora ka tsela ya Mmashoro/Dimajwe e e sa tsamaegeng bogolo jang fa dipula dina, a re se, se dira gore go nne thata go latela ditlamelo kwa Mmashoro kana Serowe.
Fa a leboga, mokhanselara wa Dimajwe Rre Elijah Masedi, o boletse fa ba lephata la ditsela ba tlhalositse fa ba na le mogopolo wa tsela ya sekonotere e tla a tswang kwa Tshimoyapula e fete kwa Majwanaadipitse e bo e wela kwa Dimajwe.
Mokhanselara a re e tlare ba emetse kopo eo, tsela ya Mmashoro/Dmajwe e tlaa gopiwa gore e tsamaege.
O lebogetse ma di a lenaneo la madi a kgaolo ya bopalamente a P10 million go bo a thusa go dira tiro tsa ditlhabololo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Dimajwe
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Oct 2023