Breaking News

Tikologo e e phepa e botlhokwa- Kwape

15 Oct 2023

Tikologo e e phepa e botlhokwa mo botsogong le mo dijwalong, ka jalo go maleba go netefatsa gore tikologo e phepa ka dinako tsotlhe.  

Mopalamente wa Kanye Borwa Dr Lemogang Kwape o buile mafoko a mo letsholong la go sela matlakala, tiro e e neng e tsenwe ke makalana le maphata ka go farologana ka Labotlhano.

Setlhogo sa tiro e, sa Matlakala a Rona Boikarabelo Jwa Rona, e ne e eteletswe pele ke mohumagadi wa ga kgosi Malope II Mme Masetsibi le Mopalamente Kwape.

Mopalamente a re ba ipeetse  seelo sa go sela matlakala kgwedi le kgwedi.

A re go na le temana ya  mafatshe fatshe e e buwang ka tikologo e e phepa, a re mo Botswana temana ya teng e mo Tebelopeleng ya 2036.

Dr Kwapeng o ne a lebogela Bangwaketse go sekegela kopo ya gagwe le mohumagadi tsebe.

Fa a amogela ba-tsena tiro e, kgosi Tshegofatso Mere o ne a kopa morafe go tsaya karolo ka dinako tsotlhe fa go selwa matlakala.

Kgosi a re go botlhokwa gore nako e e tlang ba tle ka bontsi, a tswelela a re ba leke ka bojotlhe gore tikologo e a phepafadiwe.

O ne a ntsha matshwenyego a gore  motse ga o kgatlhe ntateng ya leswe.

Kgosi Mere a re go botlhokwa gore bana ba rutwe bophepa ba sale bannye gore ba tle ba itse gore leswe le raya eng mo botsogong jwa bone, le go itse gore matlakala ga a tshwanela go nna teng.

Mothusa modulasetilo wa Khansele ya Kanye Rre Sebati Kabomo o lebogile botlhe ba ba neng ba tsere karolo mo tirong ya go sela matlakala.

A re go na le batho ba ba thusang khansele go sela matlakala, a re ba dira tiro e e botlhokwa fela thata.

Mokhanselara Kabomo o kopile morafe go latlha mokgwa wa go itsewe ka matlakala, a re ba tshwanetse go supa gore go phepafatsa tikologo ke boikarabelo jwa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : Kanye

Event : Letsholo la go sela matlakala

Date : 15 Oct 2023