Bagwebi ba atla Smartbots
15 Oct 2023
Bagwebi kwa kgaolong ya Tsabong ba amogetse ka tsoopedi lenaneo la SmartBots le nngwe ya maikaelo a lone e leng go gokela maranyane a WiFi mo madirelong a puso, go akolwa ke Batswana ntle le tuelo.
Mogwebi kwa Tsabong, Rre Tshipietsile Mothelesi o tlhaloseditse BOPA fa maranyane a, a le mosola ka mogwebi a kgona go tsamaisa dikgwebo tsa gagwe ntle le ditshenyegelo dipe.
A re maranyane a thusa mogwebi go ikgolaganya le ba bangwe mo gae le kwa ntle, go tsaya maele mo go bone go itlhabolola.
Rre Mothelesi, yo o gwebang ka dikago tsa marekisetso a TM Mall, a re batho ga ba lekane ka jalo maranyane a a thusa botlhe gore go se nne le ope yo o salelang kwa morago.
A re a akolwa ke setshaba mo dikgotleng, dikokelwaneng le mo dikoleng mo metseng e le mentsi kwa kgaolong eo.
A re go ya ka badirisi, bogolo jang banana, maranyane a, a bonako mme sebe sa phiri e le nako e e lekanyeditsweng go ka a dirisa ka e le metsotso e le masome a mararo fela.
Ka jalo o ne a kopa gore nako e okediwe.
Monana kwa Bokspits, Rre Tumelo Raditedu o supile fa ene le banana ba bangwe ba akola maranyane ao gantsi kwa kgotleng, ba a dirisa go itlosa bodutu, go ikoketsa dithuto le go batla ditiro.
O ne a tlhalosa fa a ne a iteka lesego mo Botswana Defence Force a tsenya kopo ya gagwe ka maranyane a Smartbots, a supa fa puso e ba fokoleditse ditshenyegelo ka metse ya bone e le kgakala le ditoropo kwa maranyane a neng a remeletse teng go le pele.
Rre Iketleng Rooi wa Maralaleng o boletse fa a tsamaisa kgwebo ya gagwe ya go disa dikago a ipapatsa, go iteka lesego mo ditirong le gone go thapa badiri mo mafelong a a farologanyeng a dirisa maranyane ao kwa kgotleng ntle le tuelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Potsolotso
Date : 15 Oct 2023