Breaking News

Mapodisi ba abela motlhoki ntlo

15 Oct 2023

Mapodisi a abetse booraGabanakgosi kwa kgotleng ya Ramotlhabeng kwa Mmankgodi, ntlo e e lopileng go feta P200 00.

Ntlo e, ke ya bo 81 go abiwa ke sepodisi lefatshe ka bophara.

Motshwarelela Ramapodisi, Rre Phemelo Ramakorwane a re lelwapa la Goora Gabanakgosi ke la batho ba ferabongwe mme go lebaka go sena fa ba bayang tlhogo teng ka jalo mapodisi se ne sa bona go tshwanela go ba agela ntlo.

Rre Ramakorwane a re ka lenaneo la bopelotlhomogi le boikarabelo, le ka lone ba thusang Batswana ba leboga setshaba ka e le ba-tsaya karolo mo go tsa twantsho borukutlhi.

Tona ya Itshireletso le Thokgamo e bile e le Mopalamente wa Kgaolo ya Gabane/Mmakgodi, Rre Kagiso Mmusi o akgoletse mapodisi tiro e ntle e ba e dirileng ka e le ntlha nngwe ya go netefatsa katlego le tlhabololo ya botlhe.

A re bonno ke nngwe ya ditshwanelo tsa botshelo tse di fang seriti le bokao mo setshabeng.

“Tiro e e dirilweng ke ba sepodisi ya go abela motlhoki ntlo e tsamaelana le maitlamo a Tebelopele ya Setshaba ya 2036, bogolo jang letshego la tlhabololo ya motho le go akaretsa mongwe le mongwe mo ditlhabololong se, e le tsela ya go netefatsa katlego ya botlhe go ya go 2036,” Rre Mmusi a tlhalosa.

O gwetlhile booraGabanakgosi go tlhokomela ntlo e ba e abetsweng gore le dikokomane tsa bone di e akole.

Tona o lebogile botlhe ba ba tsereng karolo go netefatsa gore maikelelo a sepodisi a go agela ba lelwapa looraGabanakgosi a atlega, a gwetlha botlhe go inaakanya le lenaneo la ga Tautona la go fetola dikakanyo, boitshwaro le maikutlo e le tsela ya go tokafatsa ditirelo le maduo.

Mo go tse dingwe, Tona Mmusi a re le fa borukutlhi jwa go thukutha ka dikgoka bo wetse tlase, dikgang tsa kgokgontsho, go thubediwa, bogodu jwa leruo, tiriso botlhaswa ya ditagi ga mmogo le borukutlhi jo bo dirwang ka maranyane di golela pele.

Fa a amogela ntlo, Mme Mmaditonki Gabanakgosi o lebogile mapodisi go mo fa seriti le tsholofelo. Ends

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : Mmankgodi

Event : Kabo ya ntlu

Date : 15 Oct 2023