Breaking News

Malwetsi a a sa tlwaelesegang a ka alafesega

12 Oct 2023

Go bolelwa fa malwetse a a sa tlwaelesegang a ka alafiwa a bo a laolwa fa a ka lemogwa nako e sale teng.

Se se boletswe ke moeteledipele wa mokgatlho wa Botswana Organisation For Rare Diseases [BORDIS] Mme Eda Selebatso kwa Letlhakeng ka Labobedi kwa go neng go sedimosetswa setshaba ka bolwetse jwa Gaucher jo bo sa tlwaelesegang.

Mme Selebatso o tlhalositse fa malwetse a a sa tlwaelesegang a tsamaya ka lesika, mme gape a le turu go alafiwa.

O tlhalositse gape fa bolwetse jwa Gaucher bo sa tlwaelesega, a re le dingaka ga di ise di bo tlhaloganye sentle, ke ka moo go tsayang lebaka go dirwa ditlhatlhobo tse dintsinyana pele ga bo ka tshwarwa.

Mme Selebatso o ne a tlhalosa fa a ne a tshola ngwana yoo o neng a lwala bolwetse jo, mme bo lemogilwe morago ga go ya bongakeng jo bo tseneletseng kwa Afrika Borwa.

O supile fa boratato mo lekgolong jwa ya batho mo Botswana ba lwala malwetse a a sa tlwaelesegang, a tlhalosa fa ba mokgatlho wa BORDIS ba itshwaragentse le ba United Nations mo go rotloetseng mafatshe go dira melawana e e itebagantseng le go alafa malwetse a a sa tlwaelesegang.

Ngaka go tswa kwa Marina Dr Dipesalema Joel o tlhaolositse fa bolwetse jwa Gaucher bo kgona go tsena motho a le mongwe mo bathong ba le 6 000, mme fa motho wa teng a ka alafiwa a santse a le monnye a kgona go gola sentle.

Ngaka o supile fa bolwetse jo kalafi ya jone e le turu fela thata, a supa molwetse a le mongwe a alafwai ka madi a P30 000 ka beke, mme molwetse a tlamega go bonwa ke ngaka gabedi mo kgweding.

Ngaka go tswa kwa kokelwaneng ya Letlhakeng Dr Yanick Dianda Musasa o ne a supa fa bolwetse jwa Gaucher bo sa bonale motlhofo, ka ba kgona go nna le molwetse wa jone a le mongwe mo dingwageng tse tlhano.

O tlhalositse fa ba dira ditlhatlhobo di le mmalwanyana ba tlhatlhobela molwetse malwetse a a farologanyeng go fitlhela ba tshwara bolwetse jo, a bo a rotloetsa Batswana gore fa ba bona motho a sa tsoge sentle, ba seka ba diegela go mo isa bongakeng.

Erile a ntsha bopaki ka bolwetse jwa Gaucher Rre Loago Bagopi, o ne a tlhalosa fa a simolotse ka go gotlhola, a thunya marapo ebile a sa kgone go robala mme a dirwa ditlhatlhobo tse dintsinyana go fitlhela a tshwarwa ka bolwetse jwa Gaucher.

O tlhalositse fa a ne a felela a ntshiwa mo sekoleng ka a ne a nna fela kwa bongakeng, mme ya re ka ngwaga wa 2017 a bona thuso kwa mokgatlhong wa BORDIS.

Rre Bagopi o ne a tlhalosa fa a ne a kgona go bona kalafi mme ebile a ikutlwa sentle ebile a boetse kwa sekoeng ngogola.

Molwetse yo mongwe Mme Keitumetse Mosoleng, o ne a supa fa a tshwere ka bolwetse jo a sale monnye a ya go simolola mophato wa ntlha kwa sekoleng se se botlana.

O supile fa le ene fela jalo a ne a tshela ka go dirwa ditlhatlhobo kwa sepateleng sa Nyangagwe le Sekgoma, mme kwa bofelong a isiwa kwa Marina.

Mme Mosoleng o supile fa a ne a felela a bona kalafi ka ngwaga wa 2017 a thusiwa ke ba mokgatlho wa BORDIS.

O supile fa a ne a tshwenngwa ke go tswa mokola o montsi gape mpa ya gagwe e le botlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 Oct 2023