Breaking News

Ba rotloediwa go tswakanya dikgwebo

12 Oct 2023

Bagwebi ba ba botlana ba rotloeditswe go fetola ka fa ba tsamaisang dikgwebo tsa bone ka teng gore ba bone dipoelo

Ba gaokolotswe go dirisa mananeo a a thusang dikgwebo tse dipotlana jaaka lenaneo  la Mabogo dinku go tokafatsa dikgwebo tsa bone.

Fa a bua  phuthegong ee neng e biditswe ke ratoropo wa Selebe Phikwe, Rre Lucas Modimana, mogolwane go tswa kwa Local Enterprise Authority (LEA) Mme Maitumelo Marumo a re bagwebi ba itshwaraganya le bone go ba tlhatlhelela botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo.

Phuthego eo, e ne e itebagantse le bagwebi ba ba botlana go bona gore khansele e ka ba thusa jang go godisa dikgwebo tsa bone, kwa Selebi Phikwe ka Laboraro.

Mme Marumo o ne a rotloetsa bagwebi go ikopanya gore ba kgone go adima madi kwa CEDA, a tlhalosa fa bangwe ba setse ba akotse madi a lenaneo la mabogo dinku. 

Nngwe ya tse a di tlhalositseng ke go itlwaetsa go nna le mekwalo e e tlaa ba thusang go bona gore a kgwebo  tsa bone di dira dipoelo ka na jang.

A re kgwebo ena le dikgwetlho mme go tswa mo mogwebing gore o ikiteile sehuba go le e kafe. 

Mo godimo ga seo o gateletse botlhokwa jwa go tswakanya tse ba gwebang ka tsone eseng go rekisa selo se le sengwefela ka se, se sa supe tswelelo pele, a fa sekai sa go tswakanya merogo e e farologanyeng jaaka merogo, ditamati, green pepper le tse dingwe.

Fa Rre Modimana, a ne a tlhalosa  fa khansele e itse ka  tlhaelo  ya lefelo le ba direlang mo go lone morago ga gore ba sutele kago ya  dipalamo tsa setshaba, mme a tlhalosa fa tiro e e neng e tshwanetse go wela ka kgwedi ya Ngwanatsele mono ngwaga.

A re ntswa tiro e ne ya diiwa ke mabaka a rakonteraka a a neng a kopana le one, tsholofelo ke gore e bo e fedile ka Hirikgong ngwaga o o tlang.

Rre Modimana o ne a ba solofetsa fa ba le mo dipuisanong le ba ba maleba ka go seka seka  ditlhwatlhwa tsa marekisetso gore bagwebi le bone ba tle ba kgone go bona dipoelo.

A re maitlamo a khansele ke go isa ditlamelo tse di ka ba tokafaletsang matshelo e seng go baka dintwa.

Le fa go ntse jalo o ne a ba akgolela go bo ba tsweletse ka go tlhomamisa gore fa ba berekelang teng go nna go le phepa.

Mongwe wa bagwebi Rre Leano Kgosietsile o akgoletse puso maiteko a go tswelela thekiso ya merogo le go tswa kwa ntle go fa balemi ba  mo gae sebaka sa go  rekisa  dithoto tsa bone.

Rre Kgosietsile a re sebe sa phiri ke gore dithoto tsa mono di a tura mo go felelang go ba kgoba marapo go ka  tswelela ba le mo  kgwebong.

 O ne a re ba kgona go tsaya sebaka se se leele ba le kwa dipolaseng ba emetse go reka mme nako dingwe ba boa ba sa kgona go reka. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 12 Oct 2023