Breaking News

Mapodisi a kopa go batlisiwa mmelaelwa

11 Oct 2023

Mapodisi a Tsabong a mo patlong ya mmelaelwa yo  go  belaesegang a bakile leso la moithuti wa mosetsanyana wa sekole se segolwane sa Tsabong Unified Senior Secondary School (TUSS).

Se se tla morago ga gore mapodisi ba begelwe tiragalo e mo go yone mosetsanyana wa dingwaga tse lesome le bosupa a fitlhetsweng ke bafeti ka tsela a rapaletse mo sekgweng gaufi le kgotlana ya Logaganeng kwa motseng wa Mabelo  ka Tshipi .

Mo potsolosong ka Labobedi Mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher Tlhapi-David o tlhalositse fa mapodisi ba ne ba ragogela teng mme ba feta ba ragosetsa mosetsanyana yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafatse.

O boletse fa serepa se le mo setsidifatsing mme e tlaa  re mo bogaufing se isiwe kwa sepateleng sa Princess Marina kwa Gaborone go ya go tlhatlhojwa ke ba bongaka mabapi le se se ka tswang se bakile loso.  Ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse.

Superintendent Tlhapi-David o ne a kopa setshaba go loma mapodisi tsebe ka mapodisi mo nakong eno ba ise ba tshware ope.

O ne a supa fa moswi a ne a dira mophato wa botlhano kwa sekoleng se segolwane sa TUSS mme a tlholega kwa Tsabong.

Superintendent Tlhapi-David o boletse fa mapodisi ba dira maiteko otlhe gore babelaelwa ba tshwarwe mabapi le dikgang tsa tlhakanelo dikobo ya basetsanayana ba ba kwa tlase ga dingwaga gore kwa phelelong ba lebisiwe molato mme sebe sa phiri e le basetsanyana bangwe ba ba boelang morago dikgetse tsa mofuta o.

A re seo ke go golola badira melato fa ba bangwe ba sa bue nnete kana go ntsha bosupi jo bo tsepameng.

O boletse fa kotlhao ya tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba kwa tlase ga dingwaga e baakantswe bosheng go tswa mo dingwageng tse di lesome go ya kwa go tse di masome a mabedi le botlhano mo kgolegelong.

Mookamela mapodisi a Tsabong o boletse fa dipalo tsa dikgang tsa dipolao le tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi di le kwa godimo mo kgaolong ya Tsabong ka mo nakong eno ba setse ba gatisitse dikgetsi tse di le masome a mararo le botlhano ka ngwaga wa 2022 mme mo ngwageng ono di le masome a mararo le bobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : POTSOLOSO

Date : 11 Oct 2023