Sengaparile se ka tlhama ditiro
11 Oct 2023
Nako e gorogile gore benggae ba itshetsa ka sengaparile.
Kgosi Piet Manyoro wa Khawa kwa kgaolong ya Tsabong a re bontsi jwa banni ba kgaolo ba lebanwe ke letlhoko la ditiro mme mo nakong eno, sengaparile se a ba thusa ka se na le dipoelo tsa nakwana.
O buile se mo potsolotsong ka Labobedi morago ga gore ba Lephata la Tshomarelo ya Dikgwa le Ditsatlholego (Forestry and Range Resources) ba ralale kgaolo ya Tsabong bosheng, go ntsha diteseletso tsa thekiso ya sengaparile.
Kgosi Manyoro a re go botlhokwa gore batho ba rutuwe bomosola le boleng jwa sengaparile gore ba itlhamele ditiro tsa sennela ruri.
O tsweletse a tlhalosa gore go fetlha ditiro tsa sennela ruri ka go ka ruta batho go dira dipilisi ka sengaparile le tse dingwe.
A re tlhotlhwa ya theko ya sengaparile monongwaga e botoka fa go tshwantshanngwa le ngogola le mororo go nnile le dipula tse di boutsana mo go amileng go bapalwa ga sengaparile.
Rre Mothusi Selaledi yo le ene a tswang kwa Lephateng la Tshomarelo ya Dikgwa a re ba tsweletse ka go isa ditirelo tsa lephata kwa Batswaneng, ka go ba neela diteseletso tsa go epa le go rekisa sengaparile.
Kwa kgaolong ya Tsabong monongwaga, Batswana ba le 315 go tswa kwa metseng ya Kokotsha, Bray, Makopong, Werda, Omaweneno, Gakhibane le Khawa ba obile letsogo bosheng morago ga go rekisa sengaparile sa bokete jwa 6 961kg, se se neng se rekwa ka sekale sa P34 ka sekale sa khilogereme ke khamphani ya Matebele Milling jaaka gale. Rre Selaledi o tlhalositse fa selekanyo seo sotlhe se ne sa rekwa ka P236 674. A re palo ya barekisi ngogola e ne e le kwa godimo ka ba ne ba le 375 mme ba epile sengaparile sa bokete jwa 12 867.40kg mme sa rekwa ka P32 ka sekale sa khilogereme P411 756, e le madi a a neng a tsena mo diatleng tsa Batswana.
Rre Selaledi o supile fa teseletso ya go rekisa sengaparile e le P110 mme go epa go buletswe kgwedi ya Motsheganong a rogwa fa moikopedi a ntsha P5 go letlelelwa go bapala.
O gateletse botlhokwa jwa go somarela ditsatlholego di tshwana le sengaparile, gore di seka tsa nyelela
Rre Selaledi o kopile gore baepi ba sengaparile ba dirise methale ya go epa e e letlelesegang gore se kgone go tlhoga gape gore se ungwe ngwaga e e tlang, a gakolola fa go le botlhokwa go tsaya bana mme ba bo ba busetsa tlhogo ya sengaparile mo teng ga lehuti ba bo ba e katela gore e kgone go tswelela e ba ntshetsa maungo.
Fa a bua ka melelo ya naga ee tlhagogang ngwaga le ngwaga, Rre Selaledi a re e ama ditsatlholego mo nageng.
O gakolotse ba ba tshubang melelo kwa masimong le kwa merakeng go tsaya diteseletso ka gore melelo e senya mafudiso, mme leruo le tlhoke phulo le sone sengaparile se a amega.
Rre Selaledi o tlhalositse gore fa naga e shele, go thata gore babapadi ba sengaparile ba se bone ka naga e abo e apere kobo e ntsho. Fa naga e tshubiwa kgapetsa-kgapetsa, Rre Selaledi a re seo se kgona go nyeletsa sengaparile le ditlhatshana tse dingwe tsa lebopo ka jalo, a kopa gore go elwe tlhoko thata gore melelo e tshwarwa jang.
Mme Thapelo Simane wa Omaweneno o boletse fa monongwaga pula e ne e le boutsana mme seo se dirile gore go nne bokete go epa. A re go bapala sengaparile ke namane e tona ya tiro ka ba tsamaya ka kara ya ditonki moso le moso go ya go epa mme ba kopana le dikgwetlho kwa nageng.
Fela jaaka Mme Simane, Mme Elsie Sekokodi wa Gakhibane le ene a re ba itemogetse bothata jwa gore go ne go sena bokgola go le mogote ka jalo, ga dira gore go nne bokete go epa. A re banni ba motse oo ba tswa goo lowe ba epa sengaparile. “Ke tswa kgakala batsadi bame ba se epa le batho mo motseng. Se ntsholegetse molemo ka gore ngogola ke bone P3 600 mme monongwaga ke bone P2 000. Ke a diritse go simolola go aga ntlo,” Mme Sekokodi a tlhalosa.
O supile fa a tshela ka go bereka lenaneo la Ipelegeng mme o oketsa letseno ka go epa sengaparile se a supang fa se mo thusa go oketsa lemmenyana la Ipelegeng gore a tlhokomele bana. Mme Dinah Tshepe wa Omaweneno o ne a ngongoregela dikhuti tse ba di fitlhelang fa ba epa sengaparile ka baepi bangwe ba sa sa le melawana ya kepo morago, ba epa mme ba sa katele mafuti. Seo, a re se supa fa sengaparile se tlaa nyelela ka gore ga ba katele ditlhogo tsa sengaparile tse di ntshang maungo.
Moreki go tswa Matebele Milling, Mme Gopolang Struyf a re ba rekile mo metseng yotlhe ya kgaolo eo mme monongwaga ga ba a bona se ba neng ba se solofetse ka baepi ba tsisitse thobo e e kwa tlase.
O gakolotse gore ba itlwaetse go kgaoganya lefatshe ba epe ka ntlha e nngwe ngwaga ono, e re o o tlang ba epe ntlha e nngwe, go fa sengaparile nako ya go tlhoga gape.
Mme Struyf a re mmaraka o montsi kwa Germany le France le gone mo gae ba rekisetsa marekisetsong a melemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 11 Oct 2023