Breaking News

Ba Botalaote ba leboga IEC

11 Oct 2023

Kgosi Ontifile Motalaote wa kgotla ya Botalaote kwa Serowe a re kgaoganyo ya dikgaolo tsa botlhophi e tsamaile sentle e bile ba leboga lekgotla le le ikemetseng le le tsamaisang ditlhopho (IEC) go araba dithapelo tsa bone.

A re banni ba kgotla ba ne kgaogana ka nako ya ditlhopho, ba sa tlhophele ntlha e le nngwefela, se, se  bo se baka go re ba nne le kemedi ya makhanselara a le mabedi ntswa e le batho ba kgotla e nngwefela.

Kgosi Motalaote o buile se kwa phuthegong ya mopalamente wa Serowe Bokoni, Rre Baratiwa Mathoothe kwa Serowe ka Labobedi.

O supile fa morafe o tswa kgakala o kopa thulaganyo e.

E nngwe kopo a re ke gore ba tsene ka fa tlase ga komiti ya ditlhabololo tsa motse e le nngwefela gore ba kgone go itseela ditshwetso e le kgotla. 

O supile fa ba babaletswe ke go fitlhela komiti eo e etelelwa ke motho o sa tsweng mo kgotleng mo go felelang go baka gore ba gogele kobo ntlha e le nngwefela fa go tla mo ditlhabololong tsa dikgotla.

Kgosi a re o dumela fa seo e le sone se se bakileng gore ba bo ba sena leobo la kgotla mme ba sa bolo go le solofediwa. A re fa e le gore go ka pala gore ba nne le komoti ya bone ya ditlhabololo tsa motse, bogolo ba nne ka fa tlase ga komiti e le nngwefela, ba seka ba kgaogana ka go ka ba thusa go tsaya ditshwetso e le batho ba le bangwe le go akantshana botoka ka ditlhabolo.

O supile gape fa seo se ka thusa gore ba kgone go nna le kemedi go tswa mo kgotleng ya bone.

Kgosi o supile gape gore go tlhoka ditlhabolololo mo kgotleng, segolo bogolo tsa maranyane a WI-FI, go baya matshelo a banana ba kgotla mo diphatseng ka ba a latela kwa sekoleng se se botlana sa Motalaote mme go le diphatsa ka go le sekgwa. O supile fa go setse go kile ga nna le dikgetsi di feta bobedi tsa thubetso. 

Kgosi Motalaote o kopile banni, ba keresete le baruti go rapelela kgotla le motse ka kakaretso mo serung sa ditagi le botlhoka tsebe jwa banana. 

A re banana ba inaakantse le dilo tse di sa ageng e bile di sena maduo a a monate.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Tebogo Rapitsenyane a re ba itumelela go nna le ofisi e ba berekelang mo go yone. O supile fa matlo a komiti a tlhoka go tsenngwa motlakase mme kgwetlho  e tona ke gore ga a na ditlankana. 

A re ba lekile go di kopa kwa ofising ya kabo ditsha mme go santse go ise go kgonege.

Mme Rapitsenyane a re maikaelelo ke go tlhabolola dikgotla tsa bone ka botlhano jwa tsone, ka go gokela motlakase le go tsenya maranyane mo teng.  A re mathata a mangwe a ba nang le one ke kokelwana ya Newtown, a re balwetsi ba bolawa ke letsatsi le dipula fa ba tsile kokelwaneng.

Mme Rapitsenayane o lebogetse batsadi ba bana ba sekole sa Motalaote ka go sa ipona tsapa ka diphuthego tsa batsadi le barutabana. A re seo ke sone se se bakang gore maduo a sone a bo a le mantle mo dingwageng tse di fetileng ebile bana ba na le boitshwaro jo bo ntle.

O supile fa matshwenyego e le boroko jwa barutabana. 

Fa  matlwana a boithutelo le o ne a batla go baakangwa segolo bogolo bodilo ka bo sule.

A re terata ya sekole e ole mo go bakang gore leruo le tsene mo sekoleng. 

Rre Mathoothe o lebogetse tekodiso ya kgosi le ba komiti ya ditlhabololo mme a solofetsa fa a tlaa isa matshwenyego otlhe kwa palamenteng.  A re mathata a matona a a tsileng go dia ditlhabolo ke tshwetso ya gore madi a ditlhabololo tsa kgaolo a bo a tserwe a isitswe ko go direng ditsela. O supile fa a tlaa tsaya mohago go leka go isa mogopolo wa gore a go ka seke go sekasekwe sesha go leka go boela tshwetso eo morago.

Rre Mathoothe o tlhalositse fa lenaneo la nakwana la ditlhabololo le akaretsa ditlhabololo di tshwana le tsosoloso ya madirelo a mashi. 

A re go tlaa agiwa lekgotlana la ditsheko, ofisi ya mapodisi le go dira lebala la ditshupo tsa leruo. O rotloeditse balemi-barui go ipaakanyetsa seo le go leka go tsaya karolo mo go tlhabololeng leruo le go itshetsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Phodiso Gaebepe

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 11 Oct 2023