Banni ba lela ka bojalwa le diletso tsa bosigo
10 Oct 2023
- Banni ba kgotla ya Modikwanekwa Serowe ba supile fa kagiso le ledula e le dilo tsa maloba ka ga ba robatswe ke dintwa tsa banwi ba bojalwa.
Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa Serowe Bophirima Rre Onalepelo Kedikilwe ka Mosupologo.
Mongwe wa banni, Rre Mothusi Diane a re go na le malwapa a a dirang bojalwa jwa Setswana mo motseng mme malwapa ao a lala a letsa diletso bosigo jotlhe.
Rre Diane a re morago go tsoge dintwa tse di lalang di sa ba robatse.
Rre Dipono Lekang o kopile ba khansele ba Bye Law go tseela ba ba sa obameleng dinako tsa thekiso ya bojalwa dikgato tse di gagametseng.
Fa a tsibogela matshwenyego a banni, Rre Onalethata Tumelo wa Bye Law a re ba lemogile gore banni ba loba dikgang tsa majalwa a a dirwang mo malwapeng e bile a sa letlelelwe .“Le didimalela dikgang tse go fitlhelela sengwe se se bosula se diragala. Dintwa tse gantsi di bakiwa ke majalwa aa sa letlelelweng. Re le ba Bye Law majalwa ao ga a letlelelwe ka re itse bodiphatsa jwa one mo bathong” Rre Tumelo a tlhalosa.
Rre Tumelo a re banni ba tshwanetse go nna bo malomatsebe a dikgosi fa ba lemoga majalwa a a sa letlelelweng ka e le bone ba filweng boikarabelo jwa go kwadisa majalwa a a apewang mo malwapeng.
“Re le fa tshono ya gore le ipaakanye, ga re batle go nna ekare re a le lotlhanya le le batho bale bangwefela,” Rre Tumelo a tlhalosa.
Banni gape ba supile matshwenyego a ditsela tsedi sa tsamaegeng ka nako ya pula.
Fa a araba kgang e, Rre David Tshukudu wa Lephata la Ditsela o solofeditse banni gore ditsela dingwe di tlaa baakangwa.
Rre Tshukudu o tlhomamisitse gore tsela e e tswang kwa sekoleng se se botlana sa St Gabriel e felela kwa Palamaokuwe e ntsheditswe madi gore e dirwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 10 Oct 2023