Mafaratlhatlha a metsi aa atolosiwa
10 Oct 2023
Go tlaa atolosiwa mafaratlhatlha aa tlhotlhang metsi go tokafatsa seemo sa phatlalatso ya metsi mo kgaolong ya Tsabong.
Mafaratlhatlha a, a tlaa atolosiwa go tshegetsa metsi a selekanyo sa 135 M3 ka oura go tswa mo go 80M3 ka oura.
Tiro ya go tlhabolola le go atolosa mafaratlhatlha e mo seemong sa go abiwa ga dithendara.
Motshwarelela moeteledipele wa Water Utilities Cooperation (WUC) kwa Tsabong Rre Onthotse Babi o buile se kwa thuto dipuisanyo le ba-na–le seabe botlhe go buisana ka dikgwetlho le matshwenyego a ba kopanang le one mo maitlamong a go siela setshaba metsi le gone go tswa ka ditharabololo.
O boletse fa maitlamo a WUC e le go dira thomo ya puso ya go isa metsi kwa setshabeng ka manontlhotlho e bile a na le boleng ka seo se ka thusa go tsholetsa itsholelo ya lefatshe go fitlhelela tebelopele ya 2036.Mangwe a maikaelelo a WUC ke go tla go ithuta ka ditirelo le ditlamelo tsa koporase, ka fa ba tokafatsang ka teng seemo sa metsi mo kgaolong, go tsibosa setshaba ka maranyane a a ka dirisiwang go duela metsi.
Rre Babi o supile fa mo kgaolong eo ba siela setshaba metsi a didiba mme sebe sa phiri ke gore a letswai e bile didiba tse dingwe di kgala mo lebakeng le le khutshwane.
Mongwe wa bagolwane kwa WUC, Rre Moses Monageng yo o tlhokometseng metse e le bosupa, a re ba itemogetse tlhaelo ya metsi thata kwa Maleshe, mme a re ba itlamile go siela motse metsi ka dikoloi. Le ntswa didiba ka bontsi di ntsha metsi a a letswai koporase e itemogetse tatlhegelo ya metsi a a senyegang bogolo jang ka nako ya mariga ka diphaephe le di methara di thubega ka selekanyo sa masome a mane.
O boletse fa go kgaoga kgapetsakgapetsa ga motlakase e le kgwetlho ka didiba ka bontsi di pompiwa ka one selo se se babalelang metse mengwe mo kgaolong eo, le go ba paledisa WUC go siela metse metsi ka fa go tshwanetseng.
Rre Monageng o ne a rotloetsa baeteledipele ba kgaolo ya Tsabong go kgalemela banni bangwe go emisa mokgwa wa go thuba le go utswa diphaephe le dirisiwa tse dingwe ka seo se kgoreletsa ditirelo tsa bone.
O boletse fa dikgwetlho tse dingwe tse di nang le seabe mo tlhaelong ya metsi e le dingwe tsa didirisiwa jaaka mafura a a tshelwang mo engine le bangwe barui ba ba nosang leruo mo metsi a mo malwapeng.
Fa Rre Ontlametse Tlaang, le ene e le mongwe wa bagolwane ba WUC kwa Tsabong a ne a fa a tlhalosetsa baani ka lekalana la ditirelo tsa metsi. A re kgokelo ya metsi mo lwapeng e lopa P1500 metsi mme moikopedi o thusiwa mo malatsing aa sa feteng masome a mabedi kana kwa tlase ga one.
O ne a tswelela go tlhalosa ka fa go balwang dimethara ka teng.
A re dimethara di balwa kgwedi le kgwedi, mme ba WUC ba kopana le dikgwetlho jaaka bangwe ba malapa ba ba sa buleleng dikgoro.
A re bangwe ba dira boferefere jwa go senya dimethara gore di seka tsa kgona go bala, kgokelo e e seng ka fa molaong.
O gakolotse setshaba go ikgapa mo go direng jalo ka dipaakanyo tse di dirwang di dia ditlhabololo.
Rre Tlaang o ne a supa fa ba tshwengwa ke dikoloto tse di molala mo koporaseng eo, a kaya fa madi a a kolotwang mo Tsabong Cluster a feta P9.9 million mme aa kwa godimo e le a mo malwapeng ka selekanyo sa 61 per cent, maphata a puso e le 29 per cent, khansele e kolota 6 per cent fa dikgwebo di kolota 4 percent mo go one madi ao.
O boletse gore le fa go ntse jalo ba koporase ba dirile mananeo a ka one a ka thusang gore dikoloto di duelwe mo kgweding tse tharo, go ba itsise ka mogala mme fa go padile ba felela ba kgaola metsi mme morago ba ikuele mo go ba ba batlang dikoloto ka e le bone ba ba ka ba tseelang dikgato tse di maleba.
Fa ba akgela, batsena thuto-seka dipuisanyo ba akgoletse WUC ka bokopano joo jwa ngwaga le ngwaga , ba re seo se thusa go tlhaloganya botoka ka ditirelo tsa bone, go gakolola le go tswa ka ditharabololo.
Ba kopa gore dithuto tseo di phatlaladiwe le kgaolo yotlhe go ruta badirisi ba metsi ka ditsela tse di farologanyeng.
Mo mafokong a gagwe a tebogo mokhansekara John Lentshikang o ne a supa fa metsi e le one konokono mo botshelong, ka jalo a tlhoka tlhokomelo ee kwa godimo, tirisano mmogo gareng ga batsaya karolo botlhe.
O kopile banni go duela metsi go itsa dikgogakgogano. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 10 Oct 2023