'Isang dikwaba kokelong'
09 Oct 2023
Batsadi ba gakolotswe go fefosa go isa bana kwa kokelong e e gaufi fa ba na le dikwaba.
Mo potsolosong bosheng, molomaganya ditirelo tsa botsogo mo Lephateng la Botsogo, Dr Christopher Nyanga le fa go sena tlhagogo ya bolwetsi jwa dikwaba mo lefatsheng leno, bana bangwe ba na le dikwaba.
Ke jalo, Dr Nyanga o kopa botsadi go isa bana dikokelong ka go na le melemo e ba ka e neelwang go tshasa dikwaba.
A re go botlhokwa gore motho a kope thuso ka bonako ka gore dikwaba di kgona go felela e le ntho e e ka bakang malwetsi a mangwe, kana mo gongwe motho a felele a na le dintho fela tse di sa foleng.
O ne a tlhalosa fa bolwetsi jwa dikwaba bo bakwa ke megare e ka sekgoa go tweng fungus, a re ke megare e e motlhofo go anama.
Dr Nyanga o tlhalositse fa motho yo o nang le bolwetsi jwa dikwaba a ingwaya, mme fa e ka re kwa morago a tshwara yo mongwe, mogare o kgona go anamela kwa mothong yo mongwe.
O tladitse ka gore kganelo ya go nna le dikwaba, e ka dirwa ka go tlhapa mmele ka nako tsotlhe le go nna mo tikologong e e phepa.
“Ntle le melemo e ba bongaka ba ka e neelang molwetsi, go tlhapa ka nako tsotlhe le go nna mo tikologong e e phepa go ka thusa go hema megare e e bakang bolwetse jo,” ga tlhalosa Dr Nyanga.
O ne a rotloetsa gore fa motho kana ngwana a setse a tsenwe ke bolwetsi jo, o tshwanetse a beola moriri mo tlhogong go netefatsa gore dintho di nna phepa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 09 Oct 2023