Breaking News

Ba boloditse letsholo la go aba madi a mmele

09 Oct 2023

Ba kgaolo ya botsogo ya Serowe/Palapye (District Health Management Team) ba ne ba tshwaragane le setlhopha sa kgwele ya dinao sa Paje Saint Germain mo Palapye mo maitekong a go ngoka setshaba go kgatlhegela go aba madi.

Mooki go tswa kwa Serowe/ Palapye DHMT Rre Nametso Taolo o ne a supa fa ba le mo letsholong la go kopa madi a mmele mo setshabeng, a re mo kgolaganong ya bone le setlhopha seo sa kgwele ya dinao, ba na le tsholofelo e ntsi ya gore ba tlaa kgona go bona batho ba le bantsi go aba madi a mmele.

A re fa e sale letsholo leo la Pledge 25 le nna teng dipalo tsa ba ba abang madi a mmele di botoka fela thata.

A re moono wa setlhopha sa Paje Saint Germain ke go rurifatsa gore ba ka ngoka batho ba le bantsi go aba madi a mmele.

Rre Taolo a re kwa bofelong, go tlaa lebiwa dipalo go bona gore ke sefe setlhopha se se kgonneng go dira dipalo tse dintsi tsa dikgapetlana tsa madi a mmele, se bo se neelwa mpho.

O tlhalositse fa e tlaa re morago ga moo ba Paje Saint Germain ba bo ba tsenelela dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao tse di bitswang Pledge 25.

O ne a supa gore fa dikgaisanyo tseo tsa Pledge 25 di tsweletse, setshaba sone se tlaa bo se aba madi.

Mongwe wa maloko a setlhopha seo, Rre Obakeng Goitsekgosi, o ne a supa fa ba sale ba ikgolagantse Serowe/ Palapye DHMT go simolola ka ngwaga wa 2017 ba le mo letsholong la go kopa madi a mmele mo setshabeng ka lenaneo la Pledge 25.

A re maikaelelo a bone ke go fa ba botsogo thotloetso gore setshaba bogolo jang banana se kgone go aba madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo.

O supile fa maikaelelo a mangwe a bone e le go ruta setshaba botlhokwa jwa go aba madi a mmele. 

A re banana ba tshabelelwa ke dilo di le dintsi tse di ka dirang gore ba tlhoke go tshelwa madi di tshwana le go tsenwa ke makoa mangwe le gone go amiwa ke dikotsi tsa tsela. 

Ka jalo go tlhoka gore ba abe madi a mmele ka go na le  kgonagalo ya  gore ba ka  a tlhoka.

Rre Goitsekgosi a re go aba madi a mmele ke go sireletsa botshelo jwa motho ka jalo go botlhokwa go itlwaetsa go a aba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Palapye

Event : Letsholo la Pledge 25

Date : 09 Oct 2023