Breaking News

Tikologo ee phepa e ngoka babeeletsi

09 Oct 2023

Banni ba Mmankgodi ba ne ba tshologetse kwa kgotleng ka dipalo tse di kwa godimo ka Matlhatso Phalane a robabobedi go phepafatsa motse morago ga go itemogela fa tikologo ya bone e se phepa.

Banni, ba eteletswe pele ke bogogi jwa motse, ba ne ba ikgaoganya ka ditlhopha go tsaya karolo mo go phepafatseng tikologo mo dikgotleng tsa Mmankgodi ka bophara, se e le go nna sekao mo banning ba motse ka kakaretso.

Fa a bua mo potsolotsong, Mopalamente wa kgaolo, Rre Kagiso Mmusi o tlhalositse fa tiro eo e simolotswe ke dikomiti tsa twantsho borukutlhi tsa Mmankgodi. 

A re ka motse o sena di ofisi tsa sepodisi, go ne ga tlhamiwa dikomiti tsa ntebele ke go lebele go lwantsha borukutlhi mme ba tla ka mogopolo wa go phepafatsa motse.

Rre Mmusi o gateletse botlhokwa jwa tikologo e e phepa a supa gore, fa motse o le phepa, o ka ngoka babeeletsi e bile tikologo e e phepa e ka ba direla tse di ntle.  Le fa go ntse jalo a re tiro eo ya go phepafatsa motse e supa tshwaragano. 

A re o atlile mogopolo  wa go phepafatsa tikologo mme e bile ba tlaa netefatsa gore o tlaa  tswelela  mo nakong e e tlang.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mmankgodi Borwa, Mme Sediegeng Batshwareng a re tiro e, e ne e le go rotloetsa morafe le gone go supa gore dikomiti tsa twantsho borukutlhi le tsone di na le seabe mo go tse di amang motse wa bone.

 O ne a tshwaela gore bosheng go ne ga tlhagoga bolwetsi jwa letshololo kwa lefatsheng la Zimbabwe mme ba bone go tlhokafala gore ba ipope mo motseng ba phepafatse tikologo gore e re bolwetsi joo fa bo ka tla mo lefatsheng la Botswana bone ba bo ba gatetse pele ka go netefatsa gore tikologo e phepa.

Monni wa Mmankgodi, Mme Masedi Modutlwe a re o itumeletse tiro eo ka jaana ba kgonne go phepafatsa ka tshwaragano e e kalo. 

A re kgang kgolo ke leswe mo motseng wa bone ke ka moo a boneng go tshwanela gore a tseye karolo mo go phepafatseng  tikologo.

Morulaganyi mogolo wa tiro e, Rre Legakwa Mokgadi  a re maikaeleo a bone a go dira tiro e, e ne e le gore ba itsane e le maloko a dikomiti tsa twantsho borukutlhi jaaka di le supa ka palo. 

O rotloeditse banni ba Mmankgodi gore e re fa ba bidiwa mo tirong e e ntseng jaana ba tle le bone ba nne le seabe gore ba direle motse wa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : MMANKGODI

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 09 Oct 2023