Barui ba Mosi ba akgolelwa mowa wa boipelego
08 Oct 2023
Maloko a mokgatlho wa temo thuo wa Kootsukella o akgoletswe motshelo wa bone ka o rotloetsa mowa wa boipelego, o maduo a one a ka tlotlomatsa kgaolo ya bone.
Thulaganyo ya mokgatlho o, go boletswe fa e tsamaelana le maiteko a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go fetola megopolo le dikakanyo le le ka sologelang setshaba seno mosola fa le ka salwa morago.
Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang Dr Edwin Dikoloti o buile se kwa masimong a Mosi bosheng, jaaka mokgatlho wa Kootsukella, o o agilweng ka maloko a le matlhano, o ne o abela mongwe wa bone dikgomo tsa maroba tse di dusang. Mopalamente o boletse fa mo nakong eno kgomo mo botshelong jwa motswana e sa tlhole e le mokgabo, mme jaanong ele tsela nngwe ya go itshetsa ka di fetola matshelo a barui.
O tlhalositse fa a eletsa gore e re mo nakong e e tlang ba ikopanye le ofisi ya Ramatlabama ya kgwediso ka seatla gore ba kgone go tlhabolola leruo la bone.
O ne a tlhalosa gore tiro e ba e dirileng ke yone ya ntlha mo kgaolong mme tsholofelo ke gore e tlaa dira kgaolo motlotlo.
Tona Dikoloti a re go botlhokwa gore ba ye go ithuta kgwediso ka seatla ka gore maikaelelo a puso ke go netefatsa fa temo-thuo e dira madi. Modulasetilo wa Kootsukella Rre Gofaone Kedise a re e le mokgatlo ba dumela mo moweng wa boipelego.
A re e ka jaana motswana a rile 'moroto wa o esi ga o ele, ba bone go le botlhokwa gore ba ikopanye mme ba thusane ka ditlamelo tse ba di tlhokang kwa merakeng ya bone.
Rre Kedise o tlhalositse fa ka thulaganyo eo ba solofela fa etlaa ba tswela maduo ka gore ele balemi-barui, ga ba na monyetla wa go ikopela dithuso kwa dibankeng, mme a re thulaganyo eo e tlaa ba kgontsha go dira ditiro tsa bone ka phuthologo. O tlhalositse gore ba ipeetse seelo sa gore ere jaaka ba le batlhano jaana, e re morago ga dikgwedi tse tharo ba bo ba abela yo mongwe wa bone sepe fela se a ka se tlhokang kwa morakeng wa gagwe.
"Morui mongwe le mongwe o ntsha madi aa kanang ka dikete tsa dipula di le tlhano mme ere gotswa foo re reke se morui a se batlang," Rre Kedise a tlhalosa.
A re ba solofela fa setshaba se tlaa tsaya malebela a go koba lehuma mo go bone, a tlatsa ka gore kwa bofelong keletso ke gore ba tswe mo motshelong ba tlhamile dikoporase.
Rre Jacob Kgaboyarona yo o neng a abelwa dikgomo tseo o supile fa a itumetse fela thata mme a re o leboga maloko ka ene go menagane. A re maikaelelo ke gore dikgomo tseo di tle go mo ntsha mo lehumeng mme a solofetsa fa a tlaa di tlhokomela gore di kgone go ntsha maduo a a batlegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : MOSI
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 08 Oct 2023