Breaking News

Ba kopiwa go begela maphata tshenyo

08 Oct 2023

Balemi-barui ba kgaolo ya Tutume ba kopilwe go bega  tshenyo e e bakilweng ke diphologolo kwa maphateng a Diphologolo le Bojanala le Temo-thuo go ba thusa go kala selekanyo sa tshenyo.  

Fa lephata le begetswe tshenyo mo masimong ba sekaseka seemo go bona gore molemi o ka bo a bone thobo e kae, fa e le leruo ba lebelela tlhwatlhwa ya lone.

Molemisi wa kgaolo eo, Rre Tebogo Mmakeng o buile seo ka letsatsi la thuto-puisanyo mabapi le kgotlhang ya batho le diphologolo tsa naga kwa Tutume bosheng.

A gatelela ka gore seo se ka thusa balemi barui gore e re ba ntse ba sugasugana le puso mabapi le phimolo dikeledi e e kwa tlase e ba lelang ka yone mo nako eno, e be ba na le seelo sa tshenyo.

O ba gwetlhile go nna ba begela maphata ao otlhe gore ba tshwaraganele kgang eo mmogo.

Ba-na-le seabe kwa dipuisanyong tseo ba re go lebaka ba kopile puso go tsenya terata ya motlakase go agelela molelwane mme nako kgolo ke eno.

Ba re ba tswa kgakala ba kopa gore go epiwe didiba tse di tlaa nosang diphologolo go di itsa go saila le naga mo di felelang di gotlhagotlhana le batho..

Ba boletse gore kgang ya go tshela le diphologolo jaaka go buiwa, ga se e ba ka e kgonang ka kgaolo e tlholegile e sena diphologolo tseo bogolo jang tlou.

Ba supile fa ba apesitswe kobo ka letshoba ke ditlou tse di senyang kwa masimong, tse ba boletseng fa di oketsegile ka palo e e kwa godimo thata.

Mongwe wa batsena dithuto tseo, Rre Thomas Nkoga o kopile Lephata la Diphologolo le Bojanala go oketsa dipalo tsa diphologolo tse di tsumiwang le go akaretsa mafelo mangwe a letsomo.

Rre Khumo Mmoloki o kopile  gore puso e tle ka methale mengwe e e tlaa laolang tsholo ya diphologolo tseo bogolo jang ditlou, go ya ka ene o ne a re tse ditonanyana di fagolwe.

Mogolwane kwa Lephateng la Diphologolo, Mme Kefeletse Phori a re kgotlhang ya batho le diphologolo tsa naga e ka kgonwa ka tshwaragano le tirisanyo mmogo.

Mme Phori a re maiteko a puso a go leka go siela diphologolo tseo metsi go dikganelela kwa mafelong a diphologolo a iteile sefololetse ka di setse di gotlhagotlhana le batho.

A re ka bokopano joo e ne e le go tla go abelana megopolo le go tla ka methale e e tlaa lekang go laola diphologolo tseo.

Mme Phori a re bangwe balemi ba na le ka fa ba kgonang go koba diphologolo tseo ka teng mme ba ka kgona go abelana le bangwe maele ao ka ebile dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.

O ile a re megopolo ya bone e tlaa thusa puso go baakanya ditsetlana le melawana mengwe e e mo molaong wa tlhokomelo wa diphologolo go tsamaelana le seemo sa gompieno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 08 Oct 2023