Breaking News

Khansele e tsweletse ka go gokela dipone

08 Oct 2023

Khansele ya Tlokweng e tlaa simolola legato la bobedi la 28 km la go gokela dipone tsa marang a letsatsi mo ditseleng tsa sekonetere mo dikgaolwaneng tsotlhe.

Tiro e, e e solofetsweng go tsaya sebaka sa kgwedi tse thataro e tlaa simolola ka Ngwanaatsele.

Se, se tla morago ga gore khansele e gokele dipone tsa marang a letsatsi di le nne mo kgaolong go tlhatlhoba boleng jwa tsone,  mme jaanong go netefaditswe fa di dira sentle.

Modulasetilo wa Khansele eo, Rre Colleng Mochotlhi o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Nkaikela ka Labone, e maikaelelo a yone e neng e le go lekodisa banni ba Tlokweng East ka ditlhabololo le ditirelo tsa khansele fa e sale e ikemela. 

A re ka go itemogela gore dipone tseo ke tsa boleng jo bo kwa godimo ba ne ba tsaya tshwetso gore rakonteraka a tswelele ka go gokela dipone.

“Fa madi mangwe a ka sala morago ga se, khansele e tlaa tswelela ka go gokela dipone mo ditseleng tse dingwe mo motseng.”

Rre Mochotlhi o supile fa mo ngwageng wa madi wa 2023/2024 dithulaganyo tsa ditlhabololo le ditirelo mo kgaolong ya Tlokweng di tsweletse sentle.

A re thulaganyo ya lenaneo la 25km la ditsela tsa sekonetere le le akaretsang gape thulaganyo ya kgopo ya metsi a pula, kgokelo ya dipone tsa marang a letsatsi mo kgaolong ya Tlokweng ka bophara e tlaa wela mo lebakeng la ngwaga tse pedi.

Modulasetilo a re mo dithulaganyong tsa khansele,  ba tsweletse ka go aga lefelo la itloso bodutu le le lopileng madi a fetang P20million, mme ba solofetse  Sedimonthole a le fa gare monongwaga lefelo le t;aabo le tsene mo tirisong.

O buile fa boleng jwa lefelo le bo tla ngoka le dikgaisanyo tsa boleng jo bo kwa godimo tsa sebopego sa mafatshe a sele ka le tlaa bo le na le lefelo la go thumela le le tlwaelesegileng ka go bitswa Semi Olympic Swimming Pool.

A re mo godimo ga tse dingwe khansele e tsweletse sentle ka thulaganyo ya ditlhabololo tse di itebagantseng le P3.7m yo o abetsweng Khansele mo Ngwageng wa 2023/2024 wa madi mo ebileng ba bonang pharologanyo mo mebileng.

O tsweletse a supa gore khansele e weditse thulaganyo ya go atolosa mafelo a borutelo mo dikoleng tse di potlana tsa Mafitlhakgosi le Batlokwa e le maiteko a go fokotsa mosuke mo dikoleng tse di mo motseng wa Tlokweng.

Rre Mochotlhi a re mo maitekong a go imolola mosuke mo dikoleng tse dingwe mo motseng, khansele le goromente ba tlaa simolola thulaganyo ya go aga sekole se se potlana kwa Maratanang mo Tlokweng.

A supa gape gore gareng ga dithulaganyo tse ba tsweletseng ka tsone tsa ngwaga wa madi wa 2023/2024 ba itlamile gore mo ngwageng o o tlang o rogwa ba simolole lenaneo la go aga lefelo la mapagamelo a dipagamo tsa setshaba.

A re khansele e tlaa adima banni ba Tlokweng mafelo a khansele “open space” a le masome a mabedi go dira ditlhabololo tse e seng tsa sennela ruri, konokono e le go itsenyetse letseno le gone go lwantsha borukutlhi jo bo bakwang ke tsone dikgwa tseo.

Rre Mochotlhi a re lentswa madi a leng teng a ka se rarabolole mathata otlhe mme khansele e tlaa dira ka bojotlhe go bona gore mme sengwe se ka dirwa go netefatsa gore ditlhabololo mo motseng e nna tsa sennela ruri.

Rre Mochotlhi o supile gore lentswa ditlhabololo di tsweletse sentle khansele e santse e retelelwa ke go isa le go ruta setshaba segolo bogolo jang banana ka mananeo a tshwana le la SHHA la go agela banana matlo ka jaana banana ba sa tsene diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di nametsang.

Banni ba Tlokweng East ba ne ba ikuela mo go modulasetilo gore go tsibogelwe seemo sa tiriso ya ditagi se se bakang maitsholo a a sa jeseng diwelang a bana ba motse, modumo wa diletso o o sa laolesegeng gammogo le thekiso ya ditsha ke banana ba kgaolo eo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Naane

Location : TLOKWENG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 08 Oct 2023