Breaking News

Matlotla a oka dirukhutlhi

08 Oct 2023

Banni ba kgotla ya Sebina kwa kgaolong ya Serowe Bophirima ba supile matshwenyego ka matlotla a a mo motseng a ba reng a oka dirukhutlhi.

Ba buile se kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo Rre Onalepelo Kedikilwe.

Mme Sinah Kenaape o supile fa khansele ya Serowe le yone e na le seabe mo go okeng matlotla a.

“Go na le ntlo e kgologolo ya khansele go bapa le kereke ya Lontone. Badirela puso ga ba na boroko mme kago e e sale e nna letlotla” a tlhalosa jalo.

Rre Maitumelo Kgowa o gateletse gore matlotla a, a ba okela magodu gape le digagabi tse di borai jaaka dinoga di bona bonno mo go one.

Rre Kgowa o ngongorigile gape ka bonya jwa koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) fa go tla mo go tsibogeleng dipompo tse di dutlang.

“Golo mo go re baya kafa mosing ka gore fa ba tswa foo ba itlhaganela go re kgaolela metsi” a bua jalo.

Monni wa Makolojwane Rre Lentswe Petso o supile matshwenyego ka mabitla a Goora-Seretse,a re mabitla a ga a tlhokomelesege.

Rre Petso a re mabitla a a fetogile matlhabelo a dikgomo.

“Dirukhutlhi di tlhabela dikgomo tsa batho kwa, fa o tsena teng o rakantshiwa ke ditlhogo,matlalo le mateng,” Rre Petso a tlhalosa.

Maphata a puso a a neng a patile mopalamente a ne a tsibogela matshwenyego a banni, Rre Boitshwareng Kgabeng mogolwane mo lekalaneng la kago mo khanseleng ya Serowe a re ba itse ka matlotla a ebile ba mo thulaganyong ya go baakanya matlotla ao.

A tlatsa ka gore a go ka bonwang a sa baakanyege  a tlaa thubiwa.

Mme Nametso Rebabonye yo a direlang kwa Ngwato Landboard o tlhalositse fa bone ba tshwentswe ke matlotla a a dirwang ke banni.

Mme Rebabonye a re matshwenyego ke gore batho ga ba tlhabolole ditsha. 

Mme Rebabonye a re ba kopile banni gore ba kwadise ditsha tsa bone mme ba santse ba le maoto a tshupa go dira jalo a tlatsa ka gore seo se ba paledisa go itse gore matlotla a ke a bomang. 

“Mo gongwe re itemogetse gore matlotla a a bakiwa ke dintwa tsa malapa tse gantsi e a bong ele tsa boswa” a tlhalosa.

Mo go tse dingwe, Mme Rebabonye o lekodisitse banni ka tswelelo pele ya peo ya ditsha, a re ba na le baikopedi ba feta 27 000, a supa fa motho wa bofelo go bewa e ne ele wa bo 6 415.

Mme Rebabonye o tlhomamiseditse banni fa ba solofetse ditsha di le 222 kwa Dinokwane mme mo palong eo tsa bonno di 211, 276 kwa Tshikinyega, tsa bonno di 256.

Rre Onalethata Tumelo wa Bye Law o kopile banni go begela mapodisi borukhuthi jo bo diragalang kwa mabitleng.

Rre Tumelo a re go a swabisa gore e re le ntswa ba ageletse mabitla ba re ba a sireletsa ebo bangwe ba bona ele tshono ya go dira ditiro tsa bosinyi mo go one ba sa bonwe.

Rre Keene Mokwaleng wa lephata la ditsela o tlhaloseditse banni ba Sebina fa tsela e e fetang fa motlobong wa dibuka e ya kwa Lontone ya 700 metres e tlaa dirwa mo bogautshwaneng ka go setse go le dipuisanong le baagi.

Fa ba WUC ba tlhaloseditse  banni gore  ba mo letsholong la go itebaganya go baakanya  dipompo tse di dutlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 08 Oct 2023