Breaking News

Temo Letlotlo e tlaa belega balemi

08 Oct 2023

Puso e tlaa okeletsa lephata la temo thuo madi mo ngwageng o o tlang wa madi gore le kgone go tsamaisa lenaneo le lesha la Temo Letlotlo le le tlaa thusang balemi go bona phokoletso ya ditlhwatlhwa.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa  Bobonong ka Labone, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a re Temo Letlotlo e tlaa emisetsa ISPAAD ka jalo balemi ba ipaakanyetse diphetogo tse di tlaa nnang teng.

A re puso e ne ya itemogela dikgwetlho dingwe tsa lenaneo la ISPAAD ka jalo lenaneo le lesha le tla thusa go itebaganya le dikgwetlho tse le go godisa mhama wa temo.

A re lenaneo la ISPAAD le ne le se motlhofo go ka le ntshetsa madi ka go ne go le thata gore puso e itse palo ya balemi ba ba tlaa ikwadisetsang go tsaya dipeo le gore ke ba le kae ba ba tlaa lemang. 

Tautona Masisi o tlhalositse fa ISPAAD e ne e sena dipoelo a tlhalosa gore puso e ne e dirisa madi a mantsi go rekela balemi dipeo mahala, e bile ba lemelwa ba sa lopiwe le fa ele sepe.

O tsweletse ka go tlhalosa gore thobo e balemi ba neng ba e bona e ne e le kwa tlase thata fa e bapisiwa le madi a puso e neng e a dirisa go lemela balemi ebile le akolwa thata ke beng ba diterekere go na le balemi.

A re lenaneo la Temo Letlotlo le le tlaa simolodisiwang mo bo gautshwaneng, le tlaa thusa gore balemi le bone ba kgone go bona dipoelo tse di botoka.

O rotloeditse Babirwa gore ba ipaakanyetse lenaneo le e bile ba bereke ka thata go ntsha maduo a eletsegang, a tlatsa ka gore lenaneo la Temo Letlotlo le tlhoka bomme le borre ba ba ititeileng sehuba go jesa lefatshe leno ka go ntsha thobo e e kwa godimo.

A re balemi ba ba tlaa atlegang ba tlaa bona phokoletso ga mmogo le dipeo le ithutuntsho ya gore go lengwa jang.

Tautona Masisi o tlhalositse  gore balemi ba ya go rotloediwa go reka didirisiwa tsa temo ka phokoletso ga mmogo le go tlhomamisa melelwane ya masimo sentle gore mo isagong puso e kgone go dira ditsela kwa masimo ga mmogo le go gokela motlakase, metsi le maranyane a segompieno.

O tlhalositse fa temo e godisa mehama e mengwe jaaka wa bojanala ebile go ka dirwa di-tswa temong di le dintsi mo go ka thusang go tlhama mebereko.

A re go botlhokwa gore Batswana ba ikamanye le letsholo la A re chencheng le le rotloetsang Batswana go fetola ka fa ba akanyang le ka fa ba dirang dilo ka teng, go fetola maikutlo a bone le ka fa ba lebang dilo ka teng gore lefatshe leno le kgone le fitlhelele maikano a lone a ngwaga wa 2036.

Fa a tswelela ka go tlhalosa Temo Letlotlo, Tautona Masisi a re puso  go okeletsa lephata la Temo-thuo madi gore le kgone go tsamaisa lenaneo ka go reka diterekere, go epa didiba, go dirisa maranyane le lenaneo la kgwediso ka seatla.

Mo godimo ga moo, a re  lephata la Temo-thuo le mo lenaneong la go bopa lenaneo le lengwe le lesha la Thuo Letlotlo le le tla itebaganyang le go tlhabolola mhama wa thuo.

Mo go tsa itsholelo le go tlhama mebereko, Dr Masisi a re o ya go okeletsa lephata la tlhabololo kgwebo madi a ba a okeletsa banana madi bogolo jang ka bontsi ja batho mo lefatsheng leno e le banana.

Mo go tse dingwe Tautona a re o swabisitswe ke go bona tsela ya Tsetsebjwe-Moletemane ya boleele jwa 11km e tsere dingwaga tse tlhano e sa fele, a tlatsa ka go re maiteko a puso a go fa Batswana ditiro a tlaa retelelwa ka ba sa di fetse kana ba sa di dire sentle jaaka go ne go solofetswe.

O kopile tona wa lephata la dipagamo le ditiro tsa ditlhabololo Rre Eric Molale go sala tsamaiso morago gore dikhamphani tse di reteletsweng ke go fetsa ditiro di tseelwe dikgato gore ditiro tse di fiwe dikhamphani tse di tlhoafetseng.

Nngwe ya ditiro tse di padileng go fela ka nako ke lebala la metshameko la Bobonong le Tona wa Banana, Metshameko, Bong le Ngwao Rre Tumiso Rakgare a tlhalositseng fa legato la ntlha le le neng le akaretsa go agelela lebala, go dirwa fa go rekisiwang teng le matlo a boitiketso le digetswe sentle go sena mathata.

A re legato la ntlha le ne le dirwa ke khamphani  ya monana wa mme yo o dirileng  ka botswapelo go wetsa tiro e a neng a e filwe.

A re lephata la gagwe le simolotse go itemogela dikgwetlho mo legatong la bobedi le le neng le akaretsa go ala motlho mo lebaleng le go tsenya dipale, a tlhalosa fa tiro eo e saletse kwa morago.

Rre Molale a re go ya pele lephata la gagwe le tlaa itoma sekgono go bona gore ditiro tse di dirwang tsa ditlhabololo ka fa tlase ga lephata leo di kanokwa letsatsi le letsatsi.

A re pele, go di kanoka go ne go dirwa gangwefela mo dikgweding tse tharo mme ba itemogetse gore ditiro tse dingwe ga di dirwe sentle ntateng ya go tlhoka go di kanoka kgapetsakgapetsa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : Bobonong

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 08 Oct 2023