Tshwaragano konokono mo ditlhabololong
05 Oct 2023
Banni ba Mahalapye ba rotloeditswe go tshwaragana ka seo se ka nolofatsa go tlhabolola motse wa bone.
Ba re ba ka fitlhela se ka go sala morago mafoko a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go fetola megopolo, dikakanyo le mekgwa.
Moemela Kgosi yo mogolwane mo Mahalapye e bile e le mothusa kgosi kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe o buile se mo phuthegong ya gagwe ya ntlha jaaka a ne a baya morafe pele maikaelelo a gagwe morago ga go bewa setilo kgwedi ya Phatwe e tlhola gangwe
O tlhalositse fa keletso ya ga Tautona Masisi e le gore bona lefatshe le dule mo mo itsholelong e e fa gare, e le lefatshe la itsholoelo e e ikaegileng ka dikitso.
A re mme o batla ba ema ka dinao go thusana go ka fitlhelela toro ya ga Tautona.
O boletse fa motse wa bone o ne o agilwe ke Trust, e o tlhabolotse mme mo tseleng e ne ya wa, a re mme boeteledipele bo nale seabe mo go weng ga yone, a tlhalosa gore Trust ke yone e ka ba thusang go baakanya dikgwetlho tse di ba lebaneng e le motse.
A re maikaelelo a gagwe ke gore Trust e tsosiwe
O supile fa motse o kile wa bo o na le ditshupo tse di neng di eletswa ke mongwe le mongwe, mme nako e gorogile ya gore di tsosolosiwe.
Kgosi o rotloeditse morafe gore o eme tsosoloso eo nokeng gore kwa bofelelong go di busetsa mo seemong se e leng gore di ka thusa go tlhama ditiro, gape di ka thusa mo go tlhabololeng motse.
A re keletso ya gagwe ke gore ba nne le letsatsi la ngwao, ka motse wa bone o na le merafe e e farologaneng mme ba tshela mmogo, selo se se ka thusang metse e mengwe go ithuta mo go bone gore go tshidisanngwa jang go sena dikgotlhang.
Kgosi Tshipe a re Mahalapye o na le ditso tse dintsi mme di fitlhegile, a re ba batla go ikagelo lefelo le ba ka direlang tiro ya go tsosolosa ngwao teng.
O tlhalositse fa a tsere tshwetso ya gore fa go ntseng go na le diphotlha di tswale, komiti e tona ya ditlhabololo e berekele mo kgotleng e tona ka ke yone e lomaganyang boeteledipele le morafe.
O boletse fa motse wa gagwe o na le dikgwetlho tse dintsi, nngwe ya tsone e le thuto e e wetseng kwa tlase.
A re se ke sesupo sa gore ba ba tsileng pele ga bone ba ne ba na le motheo o o tsepameng, mme mo tsamaong ya nako wa reketla.
Kgosi o tlhalositse fa seemo sa thuto se supa gore fa batsadi le bogogi go na le sengwe se ba sa se tsamaiseng sentle, a re go botlhokwa go itshekatsheka gore ba baakanye.
Kgosi a re go lebega banni bangwe ba Mahalapye ba ikgatlholosa temo-thuo e e leng yone seikokotelo sa go tsisa dijo mo lefatsheng leno.
O rotloeditse banni gore e re ka paka ya temo ba eme ka dinao ba leme gore ba tle ba kgone go roba dijo tse di ka thusang motse otlhe.
O gakolotse banni gore borukutlhi jo ba lelang ka jone ga se boikarabelo jwa mapodisi, ke maikarabelo a bone e le morafe go bona gore bo fele.
A re banana ba ikgatholositse motse wa bone, ba inaakantse le menate le maitiso, mme a gakolola gore ba dire dilo tseo ka maikarabelo a gore ke bone baeteledipele ba kamoso.
A re ba dirisa maranyane thata mme ba sa a dirise sentle ka fa go ka ba sologelang molemo.
Kgosi o ne a ama kgang ya gore tirisano mmogo ya dikereke ga e a tlhapa sentle mme a re o batla seo se baakanngwa.
Kgosi Tshipe o rotloeditse gore go nne le tirisano mmogo mo morafeng le bodirelapuso gore dithuso di kgone go tswa sentle.
A re fa setshaba se ka seke se eme ka dinao sa emisa kgokgontsho, malwapa a tshwaragana a lwantshana le yone, ga ba na go tswelela jaaka ba eletsa.
O ne a kopa morafe gore o phepafatse tikologo ya motse e a boletseng fa e le leswe, a re go phepafatsa motse ga se tiro ya khansele, ke tiro ya monni mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : MAHALAPYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 05 Oct 2023