' Tlhokomelang balwetse ba tlhaloganyo'
05 Oct 2023
Balwetse ba tlhaloganyo ba na le ditshwanelo jaaka mongwe le mongwe.
Mopalamente wa Serowe Bophirima Rre Onalepelo Kedikilwe, o buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Mmashoro ka Laboraro.
Rre Kedikilwe o boletse fa go fetisitswe melao kakanyetso e le lesome le boraro (13) mme emetse gore Tautona Mokgweetsi Masisi a e beye monwana.
A re nngwe ya melao e e fetesitsweng e le ya tlhokomelo ya balwetse ba tlhaloganyo.
Rre Kedikilwe a re e a balwetse ba tlhaloganyo ba na le ditshwanelo tsa bongaka, go ja sentle, go apara le go nna le motlhokomedi yo o rurifaditsweng.
O tlhalositse gore fa motlhokomedi a sa dire tiro sentle o ka tseelwa dikgato.
Rre Kedikilwe o boletse fa molwetse wa tlhaloganyo a na le tshwanelo ya go tlhopha mongwe mo masikeng a gagwe gore ke ene a mo tlhokomelang mme a dira jalo go na le mokwalo o o papametseng o ba molao ba itseng gore motlhokomedi ke mang.
O boletse fa balwetse ba tlhaloganyo ba kgonwa go bonwa ba kaila kaila mo mekgwatheng le mo marekisetsong ba sena tlhokomelo.
Rre Kedikilwe a re bolwetse jwa tlhaloganyo bo bakiwa ke diemo tse di farologanyeng, jaaka dikotsi, ditagi, kutlobotlhoko ee feteletseng fa bangwe ba tsetswe ka jone.
A re bangwe ga ba tshware balwetse sentle mme ba tlhoka go nenekediwa.
O ne a kgala ba ba ba tswalelelang mo matlong go ba kganela go tsamaya tsamaya.
Mopalamente o boletse fa molao o supa gore ope fela yo o ka kgoreletsang tlhokomelo ya molwala tlhaloganyo, a tlaa tseelwa dikgato.
Mo go tse dingwe o boletse fa a ba etetse e le lantlha go tsaya megopolo le matshwenyego a bone go a isa kwa maphateng a a lebaneng le megopolo go isa kwa Palamenteng e e tlang.
Mongwe wa banni, Mme Mmancha Gabanthuse o boletse gore le fa motho a ka tlhophiwa motlhokomedi kana e le ngwana wa molwetse wa tlhaloganyo, molwetse o kgona go go fetogela gotlhelele a sa tlhole a go batla.
Mo go tse dingwe mothusa kgosi ya Mmashoro kgosi Robert Modisagape o boletse fa baithuti ba simolola go kwala ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang mme sebe sa phiri ke gore ba tshwenngwa ke barekisi bangwe ba majalwa ba ba lalang ba letsa bosigo jotlhe ba kgoreletsa baithuti.
Kgosi Modisagape o boletse fa bana ba Mmashoro, Malatswae le Dimajwe ba sa dire sentle mo ditlhatlhobong.
O boletse gape fa melelo ya naga e jele mahudiso a barui le dipolase mo jaanong ba leng mo legoeleng.
Modulasetilo wa komiti ya banana Rre Maseko Baikgantshi o boletse fa bana ba ba feletseng ka lekwalo la mophato wa boraro le wa botlhano mo dikweleng tse di kgolwane ba ntse mo motseng, a kopa puso go ba agela sekole sa ditiro tsa diatla mo Mmashoro.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kilego Boikepetse o boletse fa ba na le matlhoko a mantsi fela thata mo motseng.
A bolela fa sekole sa bone se se segolwane se le mosuke bana ba pitlagana mo marutelong le kwa matlong a boroko.
A re sekole se makgasa mo go sa siamelang botsogo jwa bana, a bolela fa kokelo ya bone e tshwanetse go bula bosigo le motshegare.
A re ba sale ba solofeditswe diofisi tsa sepodise mme nakokgolo ke eno.
Rre Boikepetse o tswelela a re ba tlhaelelwa ke boroko jwa badirelapuso le ditsela tse di maswe jaaka ya Mmashopro-Dimajwe le ya Mmashoro-Mokubilo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MMASHORO
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Oct 2023