Bogosi pinagare ya setshaba
04 Oct 2023
Bogosi ke karolo e tona mo go ageng tshaba e e nang le kagiso le thokgamo.
Se se builwe ke Mapalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe kwa moletlong wa go ipelela go tlhomamisiwa ga kgosi ya tetlanyo ya kgotla ya Sedigelo kwa Serowe bosheng, Kgosi Koontse Ratshipa.
Rre Mathoothe o tlhalositse fa ba dirile se ka go letlelela gore merafe e nyalane go sena kgethololo, a re se se bakile gore morafe mongwe le mongwe o bo o na le merafe e farologaneng go bo go dira gore e kgone go amogelana e tlotlane.
O supile fa se, se sereleditse lefatshe mo di ntweng tsa semorafe tse di utlwalelwang kwa mafatsheng a a dikologileng Botswana ka lebaka la merafe e e sa utlwaneng mme e le ya lefatshe le le lengwe.
A re magosi a lebane le dikgwetlho tse di tona tsa botlhoka tsebe jwa banana le ditagi tse di ba bolayang ditlhaloganyo le go tsenya botsogo jwa bone mo diphatseng.
Rre Mathoothe o kgothaditse kgosi go emela morafe wa gagwe ka dinao a kgaleme mme ba age morafe o o nang le boikarabelo.
Mothusa kgosi kwa kgotleng ya Sedigelo, Kgosi Mokwadi Sekoto o tlhalositse fa kgotla ya bone e wela ka fa tlase ga ya Ditimamodimo.
O supile fa Kgosi Ratshipa a ne a tlhomamisiwa kgosi ka Ngwanaatsele 2020 morago ga go supiwa ka Phalane ka 2019.
A re morago ga seo, moletlo o ne wa seka wa nna ka mabaka a segajaja sa COVID-19, ga ba ga nna le tiego mo go batleng letsatsi le le maleba.
Mothusa Kgosi o supile fa ba tsamaile mosepele o o moleejana go fitlha fa ba teng, ba setse morago therisano mo kgotleng.
O tlhalositse fa ba dirile tsotlhe tse di tlhokafalang go fitlhela a tlhomamisiwa e le modirelapuso mo tsamaisong ya bogosi.
A re ba lebogela katlego e, le go amogela thomo e a e romilweng ke morafe.
Moeteledipele wa mophato wa malwelamotse, Rre Thero Badirwang a re mophato ke pinagare ya morafe le mo bogosing.
A re motlapele o rile tlhong botho mme a kgothatsa Kgosi Ratshipa go nna le botho mo morafeng wa gagwe a re seo, ke sone se se dirileng gore ba mo supe ebile ba mo tlhomamise ebile a tsweledise seo go yeng pele ka jaanong a ineetseng mo morafeng.
Rre Badirwang o tlhalositse fa go sena nako ya kilo mo go ope ka botlhe ba lebile ene, ba solofela tetlanyo le setsadi mo go ene.
A re fa a kile a nna le sekgopi le mongwe wa morafe, seo se fete gore a kgone a dire tiro ya gagwe sentle le go tsaya batho ka tekatekano.
O supile fa leina le le molemo le gaisa dikhumo tsa lefatshe ka jalo a itirele leina le le molemo.
A re dilelo tsotlhe tsa morafe di tlaabo di lebile ene ka ke pinagare ya morafe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phodiso Gaebepe
Location : SEROWE
Event : Moletlo
Date : 04 Oct 2023