Breaking News

Go tseela batho madi ka boferefere go a gola

04 Oct 2023

Bangwe ba santse ba iphitlhela e le batswa-setlhabelo ka go amogiwa madi ka boferefere le mororo dithuto tse di tsibosang ka borukutlhi joo di le dintsi.

Go lebega dirukutlhi tse di amogang batho madi di santse di kgona go phunyeletsa mo tirong ya bone ka batho ba sa ba tlhalefe. Se se builwe ke mogolwane wa Serowe Police, Superintendent Poloko Oteng kwa Serowe bosheng mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa Boela Gae Marriage Seminar.

Superintendent Oteng a re go a tshwenya gore go bo go ntse go na le batho ba ba santseng ba kgona go utswelwa madi ke dirukhuthi. Superintendent Oteng a re e ne ya re ka Phatwe, ba gatisitse kgetsi e mo go yone mme mongwe a utswetsweng P150 000.

A re mme yoo, o leleditswe ke dirukhuthi di mo raya dire o ikgaphetse P4 000 mme morago ba mo kopa dinomoro tsa banka kwa ba fitileng ba mo utswela madi. “Go thata go phunyeletsa mo dikgangyeng tse ka dilo tse ba bong ba buwa ka tsone (scams) di sa tshele,” Superintendent Oteng a tlhalosa.

O rotloeditse batho go seke ba amogana le ope dinomoro tsa bone tsa banka, a bo a ba gwetlha go ikgapha mo go tseyeng karolo mo dikgaisanong tse di dirwang ke mekgatlho e e sa tlhomamisawang mo Botswana jaaka bo Ecoplexus, Bitcoin le tse dingwe.

Ka borukhuthi bo tlhoka botlhe go bo lwantsha le go bo nyeletsa ka medi ya jone, Superintendent Oteng o rotloeditse banni go tshwaragana le bathusi ba bone ba mo dikgotleng (clustars) go fenya dikgang tse. A re setlhopha se se tshameka karolo e tona mo go lwantsheng dikgang tsa borukhuthi.

Sebui sa letsatsi, Rre Mogakolodi Maoketsa, a re nako e tsile ya gore Batswana ba ikgakologelwe ba bo ba itshekatsheke gore a ba ka fitlhelela matshego a Tebelopele ya 2036. Rre Maoketsa yo eleng moeteledipele wa meepo ya

Orapa, Letlhakane and Damtshaa mines ebile e le monni wa kgotla ya Botalaote a re go lwantsha borukhuthi go tshwanetse ga simolola kwa malwapeng. O buile se fa a ribolola buka ya tsebe tse di lesome le botlhano e e kwadilweng ke moeteledipele wa Boela Gae Marriage Seminar Moruti Morategi Selapa e setlhogo sa yone e leng ‘Bodiredi jwa bana’.

“Go botlhokwa gore batsadi ba itsalanye le buka e ba rute ba bo ba godisetse bana ba bone mo tseleng ya Modimo gore e tle ere ba gola ba itse tshiamo le tshiamologo” a buwa jalo.

A re e re le ntswa buka e e itebagantse le barutabana ba sekolo sa Tshipi, o rotloeditse batsadi go e reka gore ba rute bana ba bone kwa malwapeng. Rre Maoketsa a re go dira jalo goka dibela bana mo go iphitlheleng ba amega mo dikganyeng tsa borukhuthi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Patricia Speakson

Location : SEROWE

Event : phuthego ya kgotla

Date : 04 Oct 2023