Breaking News

Tlhatlosang madirelo mo gae

26 Sep 2023

Badirelapuso ba ba direlang mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo ba rotloeditswe go reka dithoto le ditirelo mo go beng-gae, segolo bogolo bomme.

Mothusa tona mo Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talitha Monnakgotla o kopile jaana ka Labone kwa Loologane mo kgaolong ya Kweneng fa a ne a buisa phuthego ya kgotla.

O kaile fa a ne a ile go tlhola gore a batho ba motse oo ba akola mananeo a puso.

A re puso e tshwenyegile ka bonya jo mananeo a tsamayang ka jone mo dikgaolong le gore a mme a goroga ka nako.

Ka jalo, o supile botlhokwa jwa gore ditirelo le dithoto di rekwe mo kgaolong pele ga go ka lejwa kwa ntle. 

A re go dira jalo ke go godisa le go tlhabolola itsholelo ya magae.

Mme Monnakgotla a re go setse go bonetse gore bontsi jwa batho ba magae, bogolo jang a a kgakala le ditlamelo, ba itshetsa ka go titiela bojalwa jwa Setswana.

A re fa badirelapuso ba ka rotloetsa bomme ba dikgwebo tsa majalwa ka go ba fa mananeo a puso le go reka dithoto le ditirelo mo go bone, ba ka tlogela go titiela majalwa mme ba tlhabolole matshelo a bone.

O tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng le le tlhabolotsweng le tlaa bo le rutuntsha batho ka ditiro tsa diatla ba tshwaragane le ba lekalana la Botswana National Productivity Centre le sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa CITF. 

A re e tlaa re fa ba fetsa dithuto tseo ba fiwe ditlankana gore ba kgone go ya go itshetsa ka tsone.

“Ke batla go bona bana ba motse wa Loologane ba tsene mo Ipelegeng e e tlhabolotsweng ka dipalo tse di kwa godimo,” Mme Monnakgotla a tshwaela jalo.

Le fa go ntse jalo o kopile badirelapuso go bereka le morafe gore ditiro tsa morafe di kgone go gola di tlhame mebereko.

“Re ya go saena tumalano le CEDA le LEA, go dira ditiro, mme ke batla go bona kabo ya dithendara tsa go dira ditiro e felela mo motseng o,” a bua jalo a gatelela gore go abela beng-gae ditiro go godisa motse ka jaana motse o godisiwa ke beng ba one.

Ka jalo o rotloeditse bodiredi gore bo tsenye leitlho mo ditirelong tse di tsisiwang mo motseng le gore di ka tokafadiwa jang. 

O bile a rotloetsa banana go tsena dikole le go tsaya mananeo ka mmetela.

E rile fa ba mo kgwa kgaba, banni ba Loologane, ba rolela mothusa tona matshwenyego a bone.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo Rre Tshwaranang Tsimane o supile fa kgosi ya motse wa bone e sa tlhatlosiwa maemo ntswa motse o godile. 

A re kgosi ya Loologane e imelwa ke tiro bogolo jang ka e sena mokwaledi.

A re kgosi o tlhokometse dikgotlana tse tharo mme dikgosana tsa dikgotlana tseo di ithaopile. 

Ka jalo o kopile gore puso e tlhatlose kgosi maemo gore batho ba motse ba bone dithuso gaufi.

Rre Tshwaranang o tlhalositse gape gore batho ba Loologane ba latela ditirelo ka bontsi kwa Sojwe. 

O nankotse ditirelo di le mmalwa di tshwana le go beelwa setlanyo, dikamogelo le dithuso tsa bongaka.

O buile gape ka tsela ya Sojwe- Loologane e a reng ga e mo seemong se se itumedisang ka e sale e gopilwe gangwe fela ka 2004. 

Ka jalo a re ba kopa puso gore e tshele tsela e sekontere ka jaana e le lesome le botlhano jwa dikhilomethara go tsena kwa Sojwe.

Fa ba mo tlatsa, bontsi jwa banni ba Loologane ba ikuetse mo go mothusa tona gore bana ba bone ba bereka mo ditshimong le meraka ya batho mme ba sa atswiwe mo go kgotsofatsang.

Ba re beng bangwe ba dipolasi tseo, ba thapa bana ntleng le tumalano le batsadi le go ipega kwa kgosing ba sa ipega. 

Bangwe ba lela ka letlhoko la ditiro mo motseng ba re tiro e e teng fela ke ya Ipelegeng, ka jalo ba kopa puso go tlhama mebereko kwa magaeng a a kgakala le ditlhabololo.

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Re Slumber Mokgosi o kopile mothusa tona gore puso e sekaseke ditiro tsa dikgaolo tsa botlhophi ka jaana di losa makhanselara le bogogi jwa motse le mopalamente.

A re ba ’bete se molangwana ka jaana morero wa ditiro tse, o simolola mo go mokhanselara a na le komiti ya ditlhabololo le kgosi ba bo ba saenela gore ba ya go dira ditlhabololo dife mo motseng. 

A re sebe sa phiri ke gore molao wa re mopalamente ke ene a tsayang tswetso gore go dirwa eng kwa bofelong mme se se bake kgotlhang magareng ga bone le mopalamente.

O kopile puso go sekaseka go busetsa ditirelo dingwe tse di neng di dirwa ke khansele jaaka dikokelwana le tse dingwe. 

A re fa e sale ditirelo tseo di amogwa khansele, morafe o a sokola.

Fa a tsibogela dingwe tsa dikakgelo tseo, mothusa tona o tlhalositse gore kgang ya bogosi o tlaa ya go e buela kwa bothokong le ba ba maleba ka dikgang tsa bogosi di le masisi e bile bo ilelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : LOOGOLANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 26 Sep 2023