Tsayang dithuto tsia - mogolwane
26 Sep 2023
Baithuti ba pele ba sekole se sebotlana sa Serinane, ba ba fetetseng kwa go se se segolwane sa Mphuthe kwa Letlhakeng ba kgothaditswe go ithuta, ba kgaoganye nako ya bone ya go ithuta, go tshameka le go thusa batsadi kwa lwapeng.
Mafoko a, a builwe ke Mme Keokopile Baratang yo eleng mooki ebile a tlholega kwa motseng wa Serinane. O kgothaditse bana bao go fokotsa nako ya go tshameka mme ba ithute thata, a supa gore fa ba ntse ba tlhatlogela kwa dithutong tse di kwa godimo tiro e ya go nna ntsi, mme fa ba badile se ba se rutilweng, go ya go nna motlhofo ka jaana ba ya go se gakologelwa ka bonako.
O kopile bana go nna le botho jo bo eletsegang, a supa fa ngwana yoo nang le botho a ratwa ke batho botlhe, ebile go nna motlhofo fa a kopa thuso.
O kopile batsadi go ruta bana ba bone botho ba sale bannye, a re fa ngwana a gola o kgona go farologanya molemo le bosula. O ba kgothaditse go ruta bana lefoko la Modimo ka e le lone le ka ba agang. Mme Baratang a re fa bana ba rata batho ba ba ka ba tshepang, a bo a tlhalosetsa batsadi gore fa bana ba ka lemoga gore ba a tshepega ba ka ba bolelela sepe se se ba diragalelang go sale nako.
Mogokgo wa pele Mme Goabaone Bakwena, o ne a tlhalosa gore fa e sa le ka ngwaga wa 2019 maduo a bana a ne simolola go tokafala ka jaana dipalo tsa bana ba ba tsayang maduo a A, di ne di oketsega.
O tlhalositse fa a ne a kwadisa bana ba Pre-school, a supa gore fa ba tsena kwa lekwalong lantlha ba a bo ba setse ba itse go kwala.
Mme Bakwena o ne a kopa batsadi go letlelela barutabana go ruta bana ba bone ka phuthologo ba seka ba re ba a betswa. O tlhalositse fa a ne a lesa barutabana go ruta bana mme tiro e ntsi e a neng a e dira e ne e le go lwa le go aga botho jwa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : SERINANE
Event : KGOTHATSO
Date : 26 Sep 2023