Ba kopilwe go lwantsha dikgoreletsi
26 Sep 2023
Baithuti ba sekole sa Pandagala kwa Tutume ba gakolotswe go tlogela mokgwa wa go ikgogona mme ba fenya dikgoreletsi dipe fela tse ba kopang le tsone.
Mokgothatsi go tswa kwa khamphaning ya Principal Consultant, I-Six Logistics(Pty) Limited, Rre Pangaman Kaisara o buile jalo kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole sa Pandagala ka bosheng.
A re kgato ya ntlha e ba tshwanetseng go e tsaya mo botshelong ke go ikamogela go sa kgathalesege seemo sa kwa malwapeng a bone.
O ba kopile go fetola dikakanyo, boitshwaro le mokgwa ka seo a ba kgothatsa go nna baithuti ba ba nang le tebelopele, ebile ba nyoretswe go bona phetogo mo bokamosong jwa bone.
O kgothaditse ba ba filweng dimpho go tswelela fela ka mokgwa o le mongwe go fitlhelela ba wetsa dithuto tsa bone.
Rre Kaisara a re ba ba sa bonang dimpho ba tshwanetse go lwa ka gotlhe mo ba ka go kgonang go re le bone ba kgone go phadisanya le ba ba tsereng dimpho mo nakong e e tlang.
O ne a re ba tshwanetse go nna le thulaganyo ya lenaneo la bone go re ba ya go dira tiro ya bone jang ka seo se ka dira gore ba ka kgona go lemoga makoa a bone motlhofo mme ba ikgate motlhala ba bankanye diphoso tsa bone.
Rre Kaisara o kopile baithuti go ikgapha mo ditirong tse di tlaa ba itayang tsebe ka jalo ba tlhwaafalele dithuto tsa bone, a gatelela ka gore mongwe le mongwe o tlaa tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe.
Mogokgo wa sekole seo, Rre Boynyana Siwela a re go dira moletlo ke go leka go fa baithuti thotloetso ya go gaisana le go ngoka batsadi gore ba tshwaraganele thuto ya ngwana le barutabana.
O ne a leboga tirisanyo mmogo e batsadi ba e supang, a re maduo a sekole a nna a tokafala ngwaga le ngwaga.
Rre Siwela a re maduo a baithuti ba lokwalo la boraro a ngogola a supile fa go nnile le tokafalo fa go tshwantshwanngwa le a 2021.
A re ba kgonne go oketsa ka seven per cent mme ya nna 35.9 per cent.
Le fa gontse jalo Rre Siwela o boletse fa sekole se lebanywe ke kgwetlho ya tlhaelo ya matlo a borutelo, ditilo le ditafole a bolela fa di sa lekane baithuti ka palo e oketsegile.
O ne gape a lela ka botlhoka-tsebe jo bo dirwang thata ke baithuti ba basimane, a re bangwe ba na le mokgwa wa go thuba dithoto tsa sekole, go goga ditagi le dintwa tse di felelang ka dikgobalo.
Mo godimo ga moo, Rre Siwela a re sekole se wetswe ke seru sa basetsanyana ba ba tlogelang ka lebaka la boimana, a re ba ntse ba sena dikgang tsa go nna jalo,
Rre Siwela a re mo ditlhatlhobong tse di neng di kala baithuti ba lekwalo la boraro gore ba ipaakantse go le kae, maduo e ne e le matlhotlha pelo, a basimane a ne a le kwa tlase thata fa go tshwantshanngwa le a basetsana.
A re kgang ya teng e ngomola pelo ka basimane ba feta basetsana ka dipalo mme ka fa ba feitseng ka teng go baya sekole ka fa mosing fa ba ka se itsose mo ditlhatlhobong tse di tlang tsa makgaola kgang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : moletlong wa kabo dimpho
Date : 26 Sep 2023