Breaking News

Mogokgo o pelo tshweu ka maduo

25 Sep 2023

Go dira sentle ga bana ba sekole se sebotlana sa Serinane go supa fa batsadi ba tlhokometse bana le go nna le seabe mo thutong.

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Serinane Rre Dicks Ramontshonyana, o bule jaana fa a amogela batsena moletlo wa go ipelela phenyo ya maduo a lekwalo la bosupa a ngogola. 

A re bana ba Serinane ba supile gore ba ka kgona le fa go sena ditlamelo koo.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi Morutabana Boitsholo Motladi o supile fa e le go ipelela gore ba kgonne seelo se puso e se ba beileng sa 80 per cent, ka jaana ba dirile 80.9 per cent

O supile gape fa sekole seo se ise se dire 80 per cent fa esale ka 2009.

Fa a ntsha la gagwe sebui sa tlotla go tswa kwa Air Arm Technical Training School kwa kampeng ya Thebephatshwa, Lieutenant Colonel Olebogeng Nkhwae, a re ka tiro ya bone ya go tlhatlhelela masole mapodisi, ba dikgolegelo le ba mafatshe a sele go baakanya difofane, e batla bonokopila jo bo kwa godimo.

Ka jalo o rotloeditse bana go ithuta thata fa ba eletsa go bereka tiro eo. 

O tlhalositse gape fa mosepele wa sekole o le moleele, mme a rotloetsa bana go kakoba dikgoreletsi mo mosepeleng oo.

Lieutenant Colonel o tlhalositse fa 88.47 per cent ya Batswana ba itse go bala le go kwala mme go ise go lekane ka Motswana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke thuto. 

A re fa bana ba dirile sentle mo lekwalong la bosupa jaana, go supa fa batsadi ba ne ba tshwaraganetse thuto le bana le barutabana.

O ne a akgolela mogokgo wa pele wa sekole seo, Mme Goabaone Bakwena maduo a mantle ao. 

Lt Col Nkhwae o ne a leboga bana ba ba dirileng sentle ngogola, a supa fa ba tlogetse leina le lentle mo motseng wa bone.

A re lefatshe leno le tlhasetswe ke mmaba wa ditagi mme di rekisiwa ke batsadi. 

O supile fa batsadi ba bana ba ba dirisang ditagi ba na le mathata a matona, ka jaana fa madi a go reka ditagi a seyo, ba utswa sengwe mo lwapeng go se rekisa. 

O ngongoregile gape ka bana ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le borobabobedi ba dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo.

O kopile bana gore fa ba batla go bereka tiro ya sesole ba itshware sentle, ba seka ba dira melato, ba seka ikwala mo mmeleng.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto kwa Letlhakeng Rre David Baleseng o supile fa ba ithutile go le gontsi mo mogokgong wa pele Mme Bakwena.

A re o supile gore le fa go na le dikgwetlho o ka kgona.

O gakolotse bana go nna le maitlamo a gore ba batla botshelo jo bo eletsegang, le go itse kwa ba yang teng mo botshelong e seng go pholetha fela.

A re ka ba supile bokgoni jwa go tlhaloganya se ba se batlang le se ba se etseng kwa sekoleng, ba ka kgona go fenya le kwa sekoleng se segolwane kwa ba yang teng. 

O gakolotse bana gore ba seka ba lwantsha barutabana, ba seka ba inyatsa mme ba ikemisetse dikgwetlho tse ba kopanang le tsone.

Rre Baleseng o kopile barutabana go lemoga gore ba mo maemong a bone go fa bana lesedi, ka jalo ba dire ka thata go kgothatsa ba ba ba eteletseng pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SERINANE

Event : moletlo wa go ipelela phenyo

Date : 25 Sep 2023