Breaking News

Puso e lemoga botlhokwa jwa melemo ya setso

25 Sep 2023

Ga gona jaaka go ka ikgatholoswa tiriso ya melemo ya setso ka bongaka jo, e le jone jo bo neng bo thusa go tswa goo-Lowe pele ga jwa sekgoa bo goroga.

Mothusa tona wa Botsogo, Rre  Sethomo Lelatisitswe o buile jaana ka Laboraro kwa Mahalapye kwa segopotsong sa mafatshe sa go ipelela melemo ya setso, se se neng se tshwerwe ka setlhogo se se reng; Seabe sa Molemo wa Setso mo Botsogong le Boitekanelo jwa Botlhe.

Rre Lelatisitswe a re ga go na jaaka go ka tlogelwa bongaka jwa setso kwa morago fa go lwantshiwa malwetse a a tlhagogang tsatsi le letsatsi. 

O rotloeditse batho gore fa ba kopa thuso kwa dingakeng tsa setso ba nne ba botsa ba ba thusang gore a mme ba ikwadisitse le lekgotla la dingaka tsa setso. 

A re lefatshe le salela ko morago mo maikaelelong a lekgotla la WHO a go atametsa bongaka jwa setso mo matshelong a batho.

“Re ntse re tshwaragane le dingaka tsa setso, re ba rotloetsa gore ba tswe kwa morago. Tshwaragano e, e godile e bile e na le mekgatlho e e kwadisitsweng e le mentsi.” Rre Lelatisitswe a tlhalosa

A re tiro ya dingaka tsa setso e ama dintlha di le dintsi; tikologo, diphologolo, dimela le batho, ka jalo go botlhokwa gore go tshwaraganwe gore go dirisanwe sentle. 

O lebogile maphata le mekgatlho e e  inaakantseng le go dirisana le dingaka tsa setso, a re se se supa kgatelopele.

Fa a tlhalosa seemo sa molemo wa setso mo Botswana, modulasetilo wa lekgotla la dingaka tsa Setswana Rre Malema Malema a re bongaka jwa segompieno bo fitlhetse molemo wa setso o ntse o babaletse batho, le jaana o ntse o mo tirisong. 

A re mlemo wa setso o alafa bolwetse le mowa e bile o sireletsa.

A re maitemogelo ke gore bangwe ga ba beye melemo sentle, mme se se baya dingaka tsa setso ka fa mosing ka ba akarediwa mo go sa tlhokomeleng tiro ya bone sentle. 

O kaile gore le ntswa go na le matshwenyego a gore ga go na dikaedi tsa go dirisa molemo wa setso, bone ba na le ka fa ba o dirisang ka teng, ba na le seelo le ka fa ba kaelang molwetse go o dirisa ka teng.

A re ba na le keletso ya gore melemo ya setso e dibelwe, ba thusiwe go e sireletsa, a tlatsa ka go re ga go na molao o o ba letlang go dirisa melemo ya bone sentle.

O supile fa go na le maferefere a a iphitlhileng, a jela batho madi ka leina la bongaka jwa setso, mme se se senya maina le seriti sa dingaka tsa setso.

A re ba aga ba gakololwa go nna ba fetisetsa balwetse kwa dikokelong mo diemong tse di bokete, mme a botsa gore a go tlaa tla nako ya gore le kwa dikokelong fa ba palelwa ba gakololwe go fetisetsa balwetse kwa go ba setso ka keletso ya bone botlhe ke go bona molwetse a fodile. 

O rotloeditse dingaka gore di tshware ka natla, di thuse batho ka boammaaruri ntle le tsietso.

Motshwarelela Kgosi yo mogolwane e bile e le mothusa kgosi kwa Ntlo ya Dikgosi, Rre Tshipe Tshipe a re boitseanape ba supa gore molemo mongwe le mongwe o dirilwe ka setlhare, dingaka tsa setso di o dirisa o sa fetolwa, jaanong e nna o kare bone ba a nyatsega, mme ka jaanong Tautona o boloditse letsholo la go fetola dikakanyo, tumelo ke gore go tlaa fetolwa ka fa go lejwang setso ka teng. 

A re dingaka le tsone di dire tiro ya tsone di phuthologile, di sa iphitlha gore di kgone go lemogwa.

O rotloeditse gore bongaka jwa setso le jone bo tsene mo dipatlisisong, e re batho ba a nwa melemo go bo go itsewe gore ke ya selekanyo se se kae gape e dirilwe ka eng.

Mogokaganyi wa lephata la botsogo mo kokelong ya Mahalapye Mme Thandy Kgosiesele o tlhalositse maikaelelo a letsatsi le e le go godisa le go tiisa bodiredi jwa bongaka jwa setso le go golagana le bone mo dipuisanong tsa boleng ka botsogo le boitikanelo jwa botlhe.

Go tiisa tshwaragano le neelano e e maleba ka maikaelelo a go tsholetsa le go tsweledisa ditlamelo tsa botsogo ka seelo sa boleng jo bo kwa godimo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : segopotsong sa mafatshe sa go ipelela melemo ya setso,

Date : 25 Sep 2023