Breaking News

Kgokgontsho ya bana e a tshwenya

25 Sep 2023

Kgokgontsho ya bana e ba kgoreletsa go gola sentle le go tshela ba phuthologile.

Mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Mabuse Pule o buile jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Middlepits bosheng kwa a neng a supa fa puso e tshwenngwa ke dipalo tse di tswelelang ka go golela pele tse di amang kgokgontsho ya bana.

A re dipalo di supa fa bana ba feta didikadike tse tharo ba tsentswe mo pitlaganong ke go tseelwa dikobo ka dikgoka lefatshe ka bophara, ka jalo a kopa batsadi go sireletsa bana le go ba tlhokomela gore isago ya bone e seka ya tsena ka motlhobodika.

A re o tshwenngwa ke go thubediwa ga bana, a supa fa borre ba di goga kwa pele, mme a ba kopa go emisa seo. O ne a supa fa bomme le bone ba amega mo go diriseng bana ba basimane botlhaswa.

Rre Pule o ne a kopa gore go buisanngwe dikgang tseo le go tswa ka methale e e tsepameng ya go emisa kgokgontsho ya bana.

O boletse fa mo dipalong tse di gatisitsweng, bontsi jwa bana ba ba kgokgontshiwang e le ba basetsanyana mme palo ya basimane e le makgolo a matlhano. O ne a gakolola fa molao o sireletsa bana, ka jalo batsadi ba tshwanetse go o itse le go tlhomamisa se e leng molato mo ngwaneng.

Rre Pule o ne a gatelela botlhokwa jwa batsadi go gagamatsa mo kgodisong ya bana ka jaana dipaka tsa nako eno di fetogile fa go tshwantshanngwa le bogologolo.

A re bana ba tswa mo taolong ba dirisa ditagi mme ba rotloediwa ke batsadi ba ba di rekisang ba dira o kare ba rekisa dimonamone gaufi le dikole. Ka jalo o ne a kopa mapodisi go tlhodumela gangwe le gape go itsa thekiso ya ditagi.

Mo go tse dingwe, Rre Pule o ne a tlhalosetsa banni ba Middlepits gore Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o supile bosheng fa lefatshe le le mo leubeng ka dipula di le boutsana, ka jalo go le botlhokwa gore go tlhongwe kwa pele tse di ka ntshang Batswana mo leubeng.

O ne a ntsha taolo ya gore palo ya batho ba ba berekang lenaneo la Ipelegeng lefatshe ka bophara e okediwe ka babereki ba le 10 000 yo o tlaa phatlaladiwang lefatshe lotlhe. O tlhalositse fa dikole tse dipotlana di tlaa tswelela di jesa bana gabedi ka letsatsi mme ba ba kgakala le ditlamelo ba tlaa ja gararo ka letsatsi. 

O ne a tlatsa ka go re bana ba ba dikgwedi tse thataro go ya kwa dingwageng tse tlhano ba tlaa tswelela ka go fiwa dijo kwa dikokelong.

A re go namola balemi-barui mo manokonokong a leuba, ba ba tsereng dikoloto tse di amanang le go ntsha dijo ba tlaa duelelwa sekoloto bontlha bongwe jwa masome a mane mo lekgolong fa molemi-morui a tlaa duela a a setseng. 

A re puso e fokoditse ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo ka masome a mararo mo lekgolong.

Rre Pule o ne a supa fa puso e okeditse dituelo tsa ba ba ntseng ba thusiwang ke dikhansele, dituelo tsa bagodi le dikatso tsa dikomiti tsa ditlhabololo. 

A re madi a bagodi a e ntseng e le P620 a ne a okediwa go nna P720, a batlhoki a P400 jaanong e le P450, a ba-na-le bogole a P550 ke P600 fa bagaka ba masole a ntwa ya lefatshe ya bobedi ba okeleditswe go tswa mo go P700 go ya kwa go 750. O boletse fa dikatso tsa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo e leng P500 a okeleditswe go nna P550 mme tsa maloko gi okeditswe go tswa mo go P470 go nna P520. 

Modulasetilo wa mmadikomiti tsa ditlhabololo o ntse a tsaya P520 mme jaanong a tsaya P570 fa maloko ba ntse ba tsaya 490 mme jaanong ba tsaya P500 fa kwa Ipelegeng P567 jaanong a okeditswe go nna P670.

O tlhaloseditse banni gore go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 go amile itsholelo ya lefatshe, ka jalo puso e lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhokomela batlhoki. 

O ne a ba rotloetsa go ikopela mananeo a tshwana le a LIMID go fokotsa letlhoko la ditiro. 

O tlhalositse fa go na le lenaneo le lesha le le tlhabolotsweng la Temo Letlotlo le le tlaa emisetsang la ISPAAD, ka jalo a ba rotloetsa go le dirisa ba bereke ba bo ba thape ba bangwe gore ba seka ba baya fela mo pusong.

Go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Setlamaruping Moseki wa Middlepits o ne a lekodisa mothusa tona fa ba tshwenngwa ke kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa mo kgaolong eo mme selo seo se ama phatlalatso ya metsi.

Kgosi Moseki o ne a supa fa gape ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo mo motseng oo, ka jalo a kopa mapodisi ka fa tlase ga lekalana la KgomoKhumo go thusa ka magodu a a ba tlhorontshang ka jaana ba ba tlogela mo legoeleleng.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Rre Tuelo Moseki o ne a lebogela puso go tsenya dipone tsa mo mekgwatheng go tokafatsa ditsela mo motseng tse di yang kwa ditirelo tsa puso di bonwang teng. 

A re seo ke maiteko a mantle go tlamela Batswana.

O ne a kopa gore go agwe lefelo la itloso bodutu e le maiteko a go ntsha banana mo mebileng le go ribolola ditalente tsa bone.

O tlhalositse fa ba na le letlhoko la paka ya sekole ka ga e bonale motlhofo e bile basegi ba supa fa matsela a tura kwa a rekwang teng mme seo se ba babalela.

O ne gape a kopa gore metshameko e boele kwa dikoleng go ribolola ditalente tsa bana ba sale babotlana. Mo phuthegong eo, bontsi jwa banni bo ne jwa supa fa kgokgontsho ya bana le tiriso ya ditagi e le kgwetlho, ka jalo ba itlama go tshwaragana le puso go lwantsha seemo seo. 

Ba ne ba kopa gore badiramelato ba tseelwe dikgato tse di gagametseng. BOKHUTLO 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MIDDLEPITS

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 25 Sep 2023