Breaking News

Molemo wa kgang ke go buiwa

24 Sep 2023

Motswana a re ‘molemo wa kgang ke go buiwa’

 Se se rurifaditswe  ke mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Mabuse Pule kwa Pitsong ya Borre le Basimane  kwa Tsabong bosheng.

Rre Pule a re  borre ba tshwanetse ba ithuta go laola maikutlo, go buisanya le bomme go tswa ka ditharabololo  tsa dikgwetlho dipe fela tse di amang malwapa a bone. 

Mo godimo ga moo, Rre Pule o tlhalositse  gore go laola maikutlo go ka thusa go aga malwapa a motia le go fokotsa kgokgontsho ya bong,

O tlhalositse fa dipatlisiso di supa gore borre ba maoto a tshupa go ya dikokelong go itlhatlhobela mogare wa HIV, go itlhatlhobela malwetse a a sa tshelanweng jaaka kankere ya borre le go go ntsha letlalo la bonna.

Ka jalo o rotloedi tse borre go ya dikokelong go ya go itekodisa go itsa gore malwetse a tshwarwe a setse a jweleletse.

O ne a gakolola borre go emisa go berekela ruri mme ba itapolose, ba itshidile mme ebile ba je dijo sentle.

A re go botlhokwa gore borre ba age botsalano jo bo lolameng le bomme.

“Go na le puo ya Setswana e e reng monna ke selepe o a amoganwa. Selepe bagaetsho fa se ka rema kwa le kwa se ka nna sa tlhoka lesego ya re se re se a rema sa itaya letlapa sa bo se pipinega. A re emiseng gore monna ke selepe wa amoganwa re lwantshe go lebagana le matshelo a rona,” a tlhalosa.

Mothusa tona o kopile borre   go emisa go swa senku ka seo se le borai se kgona go dira gore motho a hupele kgantele  a bo a ikgapela botshelo kana o bola mokapelo wa gagwe.

Mothusa tona a re borre ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo jwa matshelo a bone ka gore fa ba dira jalo ba itumedisa ba ba tshelang le bone.

A supa gore go dira jalo go aga malwapa aa  nonofileng mme e bile ba tlaa godisa bana ba basimane le ba basetsanyana ba ba nang le boikarabelo.

   Fa a rola maikaelelo a pitso eo mogokaganyi wa lekgotla la borre Rre Nonofo Leteane a re pitso eo e epilwe morago ga go lemoga gore go botlhokwa gore borre ba kopane ba buisanye ka dikgang tse di ba amang.

A re e le ba Lekgotla la borre ba tshwentswe ke maduo a dipatlisiso tsa mogare wa HIV/AIDS tse di a a supang gore basimane le borre ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go borre ba dingwaga tse di masome a marataro le bone (15-64 years) ba santse ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare.

 Bontsi ga ba itse seemo sa bone sa mogare le gone gore go a supega gore ga ba tseye diritibatsi sentle.

Rre Leteane a re lefatshe leno le gatetse pele go thibela kanamo ya mogare wa HIV ka kakaretso, lentswa go ntse jalo, borre ba santse ba saletse kwa morago. Bokete jwa mogare mo go borre ba ba 15-44 bo santse bo le kwa godimo fa ba tshwantshanngwa le bomme mme seo se supa gore borre fa ba le mo lenaneong ba santse ba na le dikgwetlho tsa go tsaya diritibatsi ka tsamaiso gore mogare o kokobele.

O supile gape gore dipatlisiso di supa gore botshelo jwa rre bo bokhutshwane fa go bapiswa le jwa mme, a supa jalo gore seo se ka tswa se dirwa ke gore borre ga ba tseye botsogo ka tlhwaafalo.

O ne a ba gakolola gore ba ka fetola seemo seo ka go tsibogela dikgang tsa botsogo.

A re ditumelo dingwe mo setshabeng di gatelela borre ka jalo go botlhokwa gore borre ba buisanye. A re maikaelelo a letsatsi leo ke go simolodisa lenaneo la Brothers Arise la ‘Nanogang’ go kgothatsa borre gore ba ikiteye ka thupana go fetola matshelo a bone. Kgosi David Toto II wa Tsabong  o lebogetse gore borre le basimane ba ne ba kopane go amogana megopolo, go rutana ka tse di amang matshelo a bone le go itshwara sentle mo setshabeng.

 Gape o ne a lebogela phuthego go tla ka dintlha tse di nonofileng gore borre ba itshware sentle kwa malwapeng le mo setshabeng.

Mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Samuel Brooks o ne a kopa borre go emisa kgokgontsho ya bong, go thubetsa bomme, le go gapela bomme botshelo. A gakolola borre gore go botlhokwa gore ba fetole dikakanyo le megopolo ya bone go aga tshaba e e kitlaneng.

Phuthego eo e ne e rulagantswe ke National AIDS and Health Promotion Agency, UNAIDS, mogokaganyi wa kgaolo ya Tsabong ya ditirelo tsa HIV/AIDS, Lekgotla la Baruti, BOFABONETHA, Brothers Arise, Men and Boys for Gender Equality le ba BONASO ba ba tlhotseng le bo rre le basimane kwa kgotleng ba apeile mokoto le go buisanya dikgang tse di ba amang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Pitso ya Borre

Date : 24 Sep 2023