Dipolasi di lorile kwa Sandveld
23 Sep 2023
Dipolasi di feta masome a marataro le borobabobedi di jelwe ke molelo o o bakileng tshenyo ya selekanyo se se santseng se sekasekwa kwa Sandveld.
Tshenyo e e diragetseng segolo bogolo ke go sha ga mapako a a ageletseng dipolasi mme gape go begilwe ka diruiwa tse di sheleng tsa bo tsa thunya matlho di akaretsa ditonki, dikgomo, dipodi le dinku.
Tiragalo e e tlhomamisitswe ke molaodi wa Serowe District, Mme Angelinah Leano mo potsolotsong le BOPA bosheng.
Mme Leano a re ba amogetse dipego tsa melelo e Lwetse a le lesome le bobedi, a tlatsa ka go re melelo e tlwaelesegile mo nakong e ya ngwaga mme fela ya gompieno e ne e le bogale thata mo e neng e sa laolesege.
Mme Leano o tlhalositse fa go ise go itsewe se se bakileng melelo e, mme a re o lebogela setlhopha sa kgaolo se se rweleng maikarabelo a go lwantsha dibetsa tsa tlholego go bo se ne sa tsiboga ka nako.
Mme Leano o ne a leboga masol go tswa kwa Francistown, Selibe Phikwe le Thebephatshwa gore a bo a kile a tsibogela mokgosi.
A re mapodisi le one a ne a ntsha badiri ba feta masome a marataro go thusa go tima melelo ba bo ba thusa gape le ka leokwane.
“Le fa melelo e ne ya tsibogelwa ka bofefo, kgwetlho e tona e nnile gore megala e ne e sa tshware, selo se se neng sa paledisa ditlhopha tse gore di kgone go buisana gore molelo o tsamaya fa kae. Sandveld gape o motona, go tsaya lebaka go goroga kwa ntlheng e nngwe ya polasi,” molaodi a tlhalosa jalo.
O supile le gore batho ba motse ba ne ba sa kgone go ka ba thusa go lwantsha melelo ka dipolasi tse di le kgakala le kwa batho ba leng teng.
Mme Leano a re kgwetlho e nngwe e ne e le ya phefo e e neng e dira gore molelo o aname ka bofefo.
Mme Leano o supile fa e le lesego la Modimo fela gore e be polasi ya leokwane le le apayang e na le dithibela melelo tse di nonofileng, a re fa go ne go sa nna jalo go ka bo go ne ga nna le di-tla morago tse di botlhoko.
A re polase eo go shele tikologo ya yone fela. Mme Leano o garetse ka go supa fa ba ne gape ba begelwa melelo e e neng e tuka kwa Mmashoro, Dimajwe le Malatswai, a re melelo eo ba ne ba kgona go e laola mo nakong e khutshwane.
Molaodi a re ba santse ba dira ditlhotlhomiso go bona se se bakileng melelo le bokete jwa tshenyo e e diragetseng.
Morui kwa polaseng ya Mmaditshoswane Rre Motlamedi Keatimilwe o boletse gore molelo o gorogile kwa polasiing ya gagwe bosigo jwa Mosupologo.
Rre Keatimilwe o supile fa mo dingwageng tse supa tse di fetileng a ise a angwe ke melelo ya naga.
A re se se senyegileng fela ke phulo. Modisa kwa polasing ya Magotlhoadipitse Rre Barnabas Molemi a re molelo o gorogile kwa polasing ya bone maitseboa a Matlhatso.
A re go ne go utlwala go thunya mo go golo thata le go bonala ga lesedi le letona go tswa kwa dipolasing tsa Tutu kwa molelo o lebegang o simologile teng.
A re molelo o, o ne o dikologile matlo kwa Tutu mo batho ba neng ba siela kwa masakeng a dikgomo. Rre Molemi a re fa molelo o goroga kwa polasing ya bone o ne wa felela kwa masakeng mme wa seka wa atumela fa ba nnang teng.
“Le fa go ntse jalo bosigo joo re robetse kwa ntle ga ntlo ka re ne re sa batle gore molelo fa o ka goroga o re tsenelele mo ntlong, bogolo o re fise re o bona,” a supa jalo.
Rre Molemi a re ga go na sepe se ba se dirileng go leka go lwantsha molelo o ka o ne o le bogale.
Rre Brighton Chuma yo o nang le ngwaga di supa kwa polasing ya Magotlhoadipitse a re melelo e nna ngwaga le ngwaga mme ya gompieno ke la ntlha a e bona. Rre Chuma a re melelo e e bakile tshenyo e ntsi ka naga e shele.
Modisa, Rre Keabetswe Osele o kaile fa nngwe ya dipitse tse a di disang e thuntse matlho ke molelo.
Badisa ba, ba supile fa melelo e e ne ya tima bosigo jwa Labobedi morago ga marothodi a pula a a neng a sarasara. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Patricia Speakson
Location : SANDVELD
Event : Interview
Date : 23 Sep 2023