Dingaka tsa setso di tswhanetse go dibela neo
21 Sep 2023
Dingaka tsa setso di rotloeditswe go dibela le go boloka pitso ya bone gore e tle e ba berekele.
Bongaka jwa setso bo tlhalositswe e le kalafi e e tswang kgakala e boloka ebile e tshedisa batho dipatela di seyo.
Mothusa mokwaledi wa Leobo la Dingaka tsa Setswana, Rre Tafila Tamocha, o ba rotloeditse jaana kwa pulong semmuso ya thutopuisanyo ya lephata la botsogo le dingaka tsa setso ka Mosupologo kwa Mahalapye.
Thutopuisanyo e, e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Go Ipela, go Lemoga Molemo wa Setso le Seabe sa One mo Boitekanelong le mo Botsogong jwa Rona Rotlhe.”
Rre Tamocha o supile fa ba fitlhetse bongaka jwa setso bo ntse bo bereka bo na le maduo, ka jalo a supa fa bo tshwanetse jwa ilelwa gore bo tsamae sentle.
Mokwaledi o boletse fa bongaka jwa setso e le neo le pitso e motho a tsholwang a na le yone, a bo a rutwa ke ba ba tlhaloganyang gore tsamaiso ya jone ke eng le go dira tiro eo, ka bo tshwanetse jwa nna le motlhala.
O supile fa batsadi le botlhe ba lesika ba tshwanetse go itse pitso ba bo ba e amogela, e seng mo batho ba dirang bongaka jo bo senang motlhala jwa tsietso.
Rre Tamocha o supile fa ba na le dikgwetlho mo bongakeng jwa setso, a re batho ga ba sale ditaelo morago, bangwe ba dirisa melemo fela fa ba utlwa botlhoko ba bo ba emisa pele ga nako e ba e laetsweng.
O tlhalosa fa bongaka jwa setso bo somarela sephiri sa molwetse le ngaka fela jaaka jwa sekgoa.
O boletse fa maikaelelo a bongaka jwa setso e le go bona motho a na le botsogo le boitekanelo ka gore ba alafa botshelo le botsogo jwa gagwe.
Rre Tamocha o gakolotse dingaka go ya go dibela bongaka jwa bone gore ba kgone go boloka setshaba.
O ne a supa ngongora mabapi le dingaka tse di berekang di sena teseletso e bile ba bereka ba se ka fa tlase ga makgotla ape a bongaka, ba sa kwadisa ka fa molaong.
O tlhalositse fa go alafa ba sena teseletso e le molato mme a rotloetsa dingaka tsotlhe go ikwadisa ka fa molaong mo makgotlaneng a bongaka jwa setso gore ba itsewe, le gore lekgotla la bone le lemogwe.
Fa a rutuntsha ka malwetse a bana, mooki yo o belegisang kwa kokelong ya Mahalapye Mme Opelo Baikalafhi, o tlhalositse fa dingaka tsa setso di tshwanetse tsa bega malwetse a bana kwa bongakeng jwa sekgoa fa ba tla ka dipalo tse dintsi gore ba kgone go thusa go na le nako.
O ne a ruta ka se dingaka tsa setso di tshwanetseng go se ela tlhoko fa ngwana a tsisitswe bongakeng.
O ne a ba ruta ka dikai tsa malwetse a bana ka go farologana gore ba kgone go a potlakela le go neela thuso e e maleba fa diemo di tlhagoga.
Mme Baikalafhi o gakolotse dingaka go nna phepa fa ba thusa balwetse go fokotsa megare.
O kopile gore ba tlhaeletsane e le bongaka gore ba boloke botsogo jwa batho.
O ba gakolotse go ela tlhoko malwetse a a tshelanwang ka go lemoga dikai tsa one gore a seka a fetela ba bangwe.
Mooki o supile fa tirisano le kgolagano ya bone e le bongaka e ka thusa go gatisa dipalo tse di tsepameng tsa balwetse ba ba amegang mo malwetseng a a tlhagogang, ka gore ba batla go a nyeletsa. O ne a supa fa ba na le kgwetlho ya bana ba ba latlhegelwang ke matshelo ka lebaka la letshololo.
O tlhalosa fa bongaka jwa sekgoa bo eletsa go tsosolosa dipuisanyo tsa bone le go rutana le ba setso gore ba tshwaraganele balwetse.
Mme Baikalafhi o kopile dingaka tsa setso go rurifatsa gore a bana ba tsaya mekento sentle pele ga ba ka thusa ka melemo.
O ba rotloeditse go fetisetsa balwetse kwa dikokelong fa ba sena go ba tlhatlhoba ka gore malwetse mangwe a bonala botoka fa go dirisiwa boitsaanape jwa sekgoa.
Fa ba akgela, dingaka tsa setso di ne tsa lebogela dithuto tsa bo tsa supa fa di tlaa bereka le ba bongaka jwa sekgoa ka maikaelelo e le go boloka matshelo a batho.
Ba ne ba kopa gore bongaka jwa setso bo sirelediwe ka fa molaong, gore ba kgone go bula dikokelo le dikole tse ba rutelang bongaka kwa go tsone.
Ba re go dira jalo go ka thusa gore go nne le neelano e e motlhofo ya balwetse ka gore malwetse a a palelang bongaka jwa sekgoa a ka fetisetswa kwa go bone go le motlhofo, go na le motlhala wa gore kokelo ya bone e kae. Bokhutlo . BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : POTSOLOTSO
Date : 21 Sep 2023