Breaking News

Letamo la Ntimbale le omela go tlala

21 Sep 2023

Metsi a a mo letamong la Ntimbale a ka nosa metse ya Bokone Botlhaba e le masome mararo le borataro le e le lesome le bobedi kwa kgaolong ya Tutume mo dikgweding di le lesome le botlhano fa dipula di sa ne.

Moitseanape wa tsa paakanyo wa lekala la Masingwaneng la Water Utilities Corporation (WUC), Rre Onkutlule Ramokgwana o boletse jaana mo bokopanong le boeteledipele jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Masunga bosheng.

Rre Ramokgwana o boletse fa gape go na le didiba di le tharo tse di malala a laotswe go tsibogela diemo tsa tshoganyetso.

A re ntswa WUC e dira maiteko otlhe go siela setshaba metsi, go na le dikgwetlho dingwe tse ba kopanang natso tse di ba itsang go dira jaaka go solofetswe.

O boletse fa nngwe ya dikgwetlho tseo e le metsi a a dutlang ka bontsi mo go dirwang ke go phatloga ga diphaepe.

O tlhalositse fa se se dirwa ke go bo mealo mengwe e setse e le megologolo e bile e onetse.

O ne a supa fa mo dingwageng tse di kwa moragonyana, batho ba ne ba ithekela didirisiwa tsa kgokelo ya metsi mo malwapeng, mme pelaelo e le gore bangwe ba ne ba dirisa tsa boleng jo bo kwa tlase, tse jaanong di setseng di babaletswe.

Le fa go ntse jalo, Rre Ramokgwana o boletse fa go phatloga mo gongwe go dirwa ke batho bangwe ka bomo ka maikaelelo a go nosa leruo la bone.

O ne a supa fa ba tshwenngwa gape ke go utswiwa ga didirisiwa jaaka megala ya motlakase, dikhurumelo tsa mafuti le tse dingwe, a kgala mokgwa oo

A re mafuti ao fa a sa khurumelwa a baya matshelo a batho le diphologolo mo diphatsheng.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lekalana la Commercial Services mo WUC ya Masunga, Rre Odirile Charlie o ne a gakolola batho le makalana ka go farologana go tlhomamisa gore ba duela dikoloto tsa metsi kgwedi le kgwedi, go itsa go kgaolelwa metsi.

Rre Charlie o supile fa WUC ya Masunga e kolotwa P 15 322 120 go tswa mo bathong ka bongwe ka bongwe, makalana a puso, khansele ga mmogo le dikgwebo.

Phuthego e ne ya ntsha megopolo le dingongora tebang le phatlalatso ya metsi, le ntswa bangwe ba ne ba lebogela tokafalo ya phatlalatso ya metsi.

Bangwe ba ne ba supa fa ba santse ba na le bothata jwa tlhaelo ya metsi kwa metseng ya bone.

Mo go la gagwe, mookamedi wa WUC ya Masunga, Rre Lucas Makepe o boletse fa seemo sa phatlalatso ya metsi se tokafetse mo kgaolong fa se tshwantshanngwa le maloba.

Rre Makepe o ne a supa fa maiteko a tsweletse go leka go tokafatsa seemo seo.

O boletse fa go tlhoka go duelwa ga dikoloto tsa metsi go itsa WUC go atolosa mafaratlhatlha a phatlalatso ya metsi.

Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go lekodisana ka seemo sa phatlalatso ya metsi mo kgaolong le go buisana ka dikgwetlho mmogo le go abelana megopolo ka fa go ka tokafadiwang go phatlalatsa metsi ka teng.

Bokopano bo ne bo tsenwe ke boeteledipele bo akaretsa magosi le baemedi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Bokone Botlhaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : POTSOLOTSO

Date : 21 Sep 2023