Pule o kopa magosi go lwantsha kgokgontsho
21 Sep 2023
Magosi a gwetlhilwe go tshwaragana le morafe go batla tharabololo ya dikgang tsa kgokgontsho ya bong, segolo jang e e amang basetsana.
Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Mabuse Pule o buile jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Charleshill ka Labobedi, a supa fa kgokgontsho ya bong, segolo jang e e amang basetsana e apesitse setshaba kobo ka letshoba.
Rre Pule a re go ngomola pelo go bona dipalo tsa bana ba bannye ba ba dirisiwang mo go tsa tlhakanelo dikobo di ya magoletsa.
A re o begetswe fa ofisi ya boipelego ya Charleshill e kwadisitse dikgang di le masome mararo le boferebongwe mono ngwaga tsa bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi ba ba dirisitsweng mo go tsa tlhakanelo dikobo.
A re go le gantsi batho bakgokgontshi ke masika kgotsa ditsala tsa malwapa a bone.
Rre Pule o kgadile batsadi ba a reng ba rotloetsa kgokgontsho ka go amogela madi le dijo go tswa mo bakgokgontshing e bile mo mabakeng mangwe ba kgona go duelwa gore ba seka ba pega kgang ya kgokgontsho kwa lekgotleng kgotsa ba seka ba fa bosupi.
O ikuetse mo dikgosing go ema nokeng letsholo la ‘Eseng mo ngwaneng’ a re seabe sa morafe ka kakaretso se botlhokwa go fenya ntwa kgathanong le kgokgonthso ya bong.
A re molao wa bana o laola gore ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go sirelediwa mo go tsotlhe e bile o supa fa yo o itlhokomolosang kgokgontsho ya ngwana a le molato.
A re go dirisa bana mo go tsa thakanelo dikobo go tlogela lebadi le le sa sutlhegeng mo ngwaneng.
Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Ghanzi Borwa, Rre Motsamai Motsamai a re dikotlhao tsa ba ba kgokgontshang bana mo go tsa tlhakanelo dikobo di tshwanetse go gagamadiwa. A re seelo se se beilweng se kwa tlase fa go tshwantshwanngwa le manokonoko a molato.
A re o na le tsholofelo ya gore kgotla ya ditsheko e e tlaa agwang kwa Charleshill e tlaa fefosa dikgang tsa melato yotlhe e e amanang le kgokgontsho ya bong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : CHARLESHIL
Event : POTSOLOTSO
Date : 21 Sep 2023