Breaking News

Moruti o galaleletsa morafe boithaopo le boineelo

21 Sep 2023

Ditlhopha tsa twantsho borukutlhi tsa dikgaolo tsa Ghantsi le Charleshill di galaleditswe mowa wa boithaopo le boineelo mo go lwantsheng borukutlhi.Lefatshe la Botswana le tswa kgakala le ngoka babeeletsi ba mafatshe a sele ka le tumile ka kagiso, ka jalo go botlhokwa go tshegetsa se. Moruti wa kereke ya Dutch Reformed kwa D’kar, Rre Hendrick Du-Plessis o boletse se kwa moletlong wa go abela ditlhopha tsa twantsho borukutlhi tsa kgaolo ya sepodisi ya No 6 district tse di dirileng bontle bosheng.

Moruti  Du-Plessis o tlhalositse gore boithaopo le boineelo mo go lwantsheng borukuthi  bo   nosetsa pilara  ya bone ya Tebelopele ya  setshaba ya 2036, ya  Tsamaiso  Puso, Kagiso le Tshireletsego, e e gwethang lefatshe go nyeletsa borukutlhi.

 O tlhalositse fa setlhogo  sa moletlo oo, sa Re mo Tseleng go Ithulaganyetsa Bokamoso jo bo Sireletsegileng jo bo Isang kwa Ngwageng wa 2036 se  dumalana le pilara eo.

O ne a leboga magosi a a eteletseng mekgatlho ya twantsho borukutlhi pele, a re  kemo nokeng ya bone, boeteledipele  le boithaopo jwa bone bo dira pharologanyo.

“A re tshwareng fela jalo ka tirisanyo mmogo, re gogane, re ntse re loga maano go lwantsha borukhutlhi le dilo tse dintsi tse dimaswe tse di diragalang mo metseng ya rona.”

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Annah Rankho wa Ghanzi a re go fetola dikakanyo le maitsholo go ka nyeletsa borukutlhi.

Kgosi Rankho a re go boela ditsamaiso dingwe tsa ngwao go ka thusa, gammogo le go rotloetsa tekatekano ya bong.

O ne a rotloetsa ditllhopha tsa twantsho borukuthi go tswelela di dira ka gotlhe go fenya mmaba borukutlhi. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : GHANZI

Event : POTSOLOTSO

Date : 21 Sep 2023