Breaking News

Water utilities e solofetsa go tokafatsa ditirelo

21 Sep 2023

Bagolwane ba koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation ba tlhalosa fa metsi a sa ture jaaka fa badirisi ba one ba akanya. Mo bokopanong jwa ba-na-le seabe mo Letlhakeng bosheng, mogolwane wa koporase eo wa Mochudi/Molepolole, Rre Moses Dikgang o ne a tlhalosa go re fa modirisi wa metsi a dirisitse selekanyo sa 0-5 000 litres o duela madi a a fa gare ga P17 le P50, mme fa a feta foo ke gone go tsenang lekgetho.

Rre Dikgang a re go tswa mo go P5 001, sekete sengwe le sengwe se lopa P11.78 ka jalo a tlhalosa fa go le botlhokwa go re modirisi a itse go re metsi a balwa leng le gone jang mo kgweding. O tlhalositse fa metsi a a dutlang a baka  go tura ga metsi mme a gakolola badirisi go tsibogela metsi a a dutlang gore a seka a ba turela.

O ne a supa fa ba ne ba a tle ba abelele gore modirisi o ka tswa a dirisite metsi a selekanyo se se kae ba lebile gore o ntse a dirisa metsi jang fa ba sa kgona go tsena mo malwapeng. A re ba sale ba emisitse go dira jalo go simolola Phalane ngwaga o o fetileng. A re koporase e, ee leng ka fa tlase ga puso e tlhamilwe ka 1970, mme e ne ya re ka ngwaga wa 2010 ya tsaya ditirelo tsotlhe tsa metsi mo lefatsheng leno le tsa kgopho ya metsi a a leswe.

O tlhalositse fa ba baya badirisi wa metsi kwa pele ka jalo ba dira bojotlhe gore fa ba kgaoletswe metsi a bo ba duela, a busediwa mo dioureng tse di sa feteng masome a mabedi le bone.

O ne a tswelela a supa fa koporase e tshwanetse go ikanyega, go dira boammaaruri le gone go bereka ba le seopo sengwe, go rerisa morafe mme ba tswe ka metlhale e ba ka tokafatsang ditirelo tsa bone ka teng. Rre Dikgang o tlhalosistse fa ba ikaelela go dira lenaneo le lesha la go ntsha sekoloto sa metsi ka nako, ba ntshe metsi ka nako tsotlhe kwa a leng teng, go bala metsi ka maranyane le go bolelela badirisi ba metsi ka sepe fela se se amang metsi.

E ne ya re go le pele fa a amogela baeng kwa bokopanong joo, Kgosi Rantsimane Banyatsi o ne a supa fa ba ngongoregela dituelo tsa metsi tse di sa tshephafaleng ebile di le kwa godimo.

Kgosi Banyatsi o ne a supa fa sekoloto sa metsi se oketsega kgwedi le kgwedi ntswa batho ba duela ka go kgaola.

O ne a kopa gore ba WUC go tsibogela go bulela badirisi metsi fa ba ne ba kgaoletswe.

Kgosi Banyatsi o ne a gakolola badirisi ba metsi go diragatsa maitlamo a bone a go duela metsi kgwedi le kgwedi.

Mo go la gagwe, mogolwane yo mongwe wa koporase eo, Rre Lopang Seporo o ne a a tlhalosa ka ditirelo tsa bone kwa kgaolong, a supa fa WUC e tsamaisa ditirelo tsa metsi mo Botswana mo metseng e e rurifaditsweng, fa kwa metsaneng e e sa rurifadiwang ba direla banni dikarata tsa metsi gore ba a gelele kwa metseng e e gaufi le bone.

Rre Seporo o tlhalositse fa ba na le metse e e tlhaelang ka metsi jaaka Motokwe, Moshaweng le Khudumelapye. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa ba bone sediba kwa Motokwe se ba tlaa se tlhatswang ba bo ba gogela metsi a teng kwa tankeng ya motse go tokafatsa seemo sa metsi. O ne a supa fa tiro eo e setse e ntsheditswe madi a a fetang P4 million. A re ba tlaa dira ditshekatsheko mo dikgweding tse tharo go simolola ka Phalane, mme e re mo go tse di latelang ba bo ba simolola tiro ya go gokela metsi.

O tlhalositse fa kwa motseng wa Letlhakeng ba ikaelela go gokela tanka ya boraro go oketsa tse pedi tse di leng teng, go re ba kgone go phatlalaletsa metsi a seyong teng.

O ne a supa gape fa kwa Ditshegwane, Maboane le Takatokwane ditanka tsa teng di tsholola metsi mme ba ikaelela go di baakanya. O tlhalosistse fa ba ikaelela go tlhatswa sediba kwa Khudumelapye go nosang motse oo, a supa fa metsi a mo kgaolong a na le kalaka e e felelang e thiba dipompo tsa metsi, mme seo se bake tlhaelo ya metsi.

O tlhalositse fa tiro ya go gogela metsi kwa Gamononyane e tlaa fokotsa tiriso ya metsi kwa kampeng ya Thebephatshwa le motse wa Molepolole a a gogiwang kwa Malwelwe, mme ba tlaa felela ba a gogela kwa Moshaweng a feta ka Monwane le Lesilakgokong.

Le fa go ntse jalo, mokhanselara wa motse wa Khudumelapye/Sesung, Rre Osupile Metseebapile, o ne a supa fa a ngongoregela gore ba nna ba solofediwa go isediwa metsi kwa Khudumelapye mme seo seke se diragale. O ne a tlhalosa fa ba lebogela go re didiba tse di tlaa dirwang di tlaa bo di dirisa motlakase.

Mo go la gagwe, mokhanselara wa Takatokwane/Dutlwe, Rre Johane Gaosafelwe o ne a kopa gore ditsha tsa SHHA kwa Takatokwane di gokelwe metsi, a bo a tlhalosa fa ba sale ba kopa go re metsi a kgaolo ya Letlhakeng a tlhatswiwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 21 Sep 2023