Breaking News

Go itshidila mmele tikologo e e phepa konokono

20 Sep 2023

Go itshidila mmele le tikologo e e phepa di botlhokwa mo go thibeleng le go fedisa malwetse a a farologaneng a akaretsa a tlhaloganyo, a a sa tshelanweng ga mmogo le a a tshelanwang.

Molaodi wa kgaolo ya Serowe mme Angelinah Leano o buile se kwa letsatsing la itshidilo mmele le phepafatso le leneng le rulagantswe ke ba sesole sa Botswana kwa Paje bosheng.

Mme Leano a re go itshidila mmele go botlhokwa thata mo botsogong jwa motho, a re go thusa go ntsha maikutlo a a kotlometseng, go fokotsa go tsenwa ke malwetse, ga mmogo le go lwantsha kgokgontsho ya bong.  

O boletse fa ba botsogo ba itumela go bona go na le ba ba emeng lephata nokeng go anamisa molaetsa wa tsa botsogo jaaka masole.

A re motho o ka tila go tsenwa ke malwetse ka go itshidila, go ja sentle le go itapolosa, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore motho a je dijo di tshwana maungo le merogo ka di siametse botsogo.

Mme Leano a re go botlhokwa gore motho a itlhatlhobe go itse seemo sa gagwe sa botsogo.

O akgotse banni bangwe ba motse le masole ba ba nnileng le seabe mo go phepafatseng tikologo bogolo ka bajanala ba ba yang makgobokgobong a Okavango, ba ralala Paje.

O boletse fa matlakala mangwe a jewa ke leruo mme se se le borai ka le ka tsenwa ke bolwetse jwa mabele mme leruo le, le felele le sa rekwe.

Mogolwane wa masole Brigadier Benjamin Masunga o boletse fa ba bone go le botlhokwa go phepafatsa motse o sekole sa bone sa sesole se leng teng.

Brigadier Masunga o boletse fa tikologo e e phepa le go itshidila mmele di le botlhokwa thata ka di ka thusa motho go tshela botshelo jo bo itumedisang ka lebaka.

O boletse fa go ka thibela malwetse a tshwana le madi a matona le sukiri. 

Mogolwane o lebogetse banni ba Paje go tla ka makatlanamane go phepafatsa motse wa bone. Brigadier  Masunga o ba rotloeditse  go tswelela ka mokgwa wa go phepafatsa.

Kgosi Nagano Martin wa Paje o lebogetse ba sesole go thusa go phepafatsa motse o ba nnang mo go one, a supa fa ba le botlhokwa thata.

Kgosi o rotloeditse banni go ipopa ditlhopha mme ba phepafatse dikgotlana tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : PAJE

Event : LETSATSI LA ITSHIDILO MMELE

Date : 20 Sep 2023