Dikomiti di tla fiwa madi a boipuso
20 Sep 2023
Dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgaolo tse tlhano tsa botlhophi tsa Gaborone di tlaa fiwa P10 000 nngwe le nngwe go keteka letsatsi la boipuso.
Madi a a tswang mo pusong, a tlatsa sepe se komiti nngwe le nngwe e se phuthileng go ipaakanyetsa go ipelelela boipuso kgwedi eno e ya fifing.
Motshwarelela Ratoropo ya Gaborone Rre Oduetse Tautona o tlhalositse se kwa bokopanong jwa khansele ka Mosupologo mo Gaborone.
A re moletlo wa boipuso ke go gakolola Batswana kwa ba go tswang, ba ipelela ledula, tlhokgamo, katlego le kagiso tse di tsweletseng ka go rena fa e sale lefatshe leno le ipusa.
Rre Tautona o akgotse maiteko a dikomiti ka go farologana go kokoanya dipe go baakanyetsa boipuso mo mafelong a a farologaneng.
A re seo se rotloetsa mowa wa boipelego o o tsweletseng ka go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe.
Rre Tautona a re go botlhokwa gore Batswana ba tshegetse moono le ditiro tse di rotloetsang go fetola dikakanyo, a re go dira jalo go tlaa thusa lefatshe go atlega mo maikaelelong a lone a Tebelopele ya 2036.
Mo go tse dingwe Rre Tautona a re thulaganyo ya go tsaya matlakala mo malwapeng e a tokafala, a re seo se dirwa ke gore khansele e dirisana le dikhamphani tse di tsayang matlakala, sengwe se a supileng fa se dira pharologanyo ka go tlhamela bangwe mebereko.
Rre Tautona a re khansele e tlaa tswelela e rutuntsha ka botlhokwa jwa bophepa, a rotloetsa batho go ema khansele nokeng.
A re seo se ka dirwa ka go sala ditsela tse di amogelesegang morago tsa go latlha matlakala.
A re go botlhokwa go dirisa dithini tsa matlakala tse di tlhomilweng mo mafelong ka go farologana.
Rre Tautona a re ga ba jesiwe diwelang ke leruo le le tsweletseng ka go saila mo mebileng ya toropong, a re se, se baya matshelo a bakgweetsi mo diphatseng mme e bile le leruo le mo diphatseng ka le felela le ja mo dithining tsa matlakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : GABORONE
Event : KHANSELE
Date : 20 Sep 2023